YouVersion Logo
Search Icon

ESETHERE 10

10
Moretekai o a godisiwa
1Kgosi Ahasueruse a tlhoma lekgetho mo lefatsheng le mo ditlhakeng tsa lewatle. 2Ditiro tsotlhe tsa thata ya gagwe le tsa bonatla jwa gagwe, le polelo e e tletseng ya bogolo jwa ga Moretekai, jo kgosi e mo godiseditseng kwa go jone, a ga di a kwalwa mo lokwalong lwa ditirafalelo tsa dikgosi tsa Media le Peresia? 3Gonne Moretekai wa Mojuta o ne a rulaganye le kgosi Ahasueruse, a le mogolo mo Bajuteng, a amogetswe ke bontsi jwa bana ba ga rraagwe; a ntse a batla gore batho ba ba ga gabo ba bone molemo, a ba a ntse a bua kagiso le losika lotlhe lwa gagwe.

Currently Selected:

ESETHERE 10: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy