YouVersion Logo
Search Icon

ESETHERE 8

8
Bajuta ba laolelwa go itwela
1Ya re ka letsatsi leo kgosi Ahasueruse a naya Esethere mohumagadi ntlo ya ga Hamane mmaba wa Bajuta. Moretekai a tla fa pele ga kgosi; gonne Esethere o na a boletse ka fa o ntseng ka teng mo go ene. 2Kgosi ya rola lenyena la yone le e le tsereng mo go Hamane mme a le naya Moretekai. Esethere a tlhoma Moretekai molaodi wa ntlo ya ga Hamane.
3Esethere a fela a bua gape fa pele ga kgosi, a wela fa dinaong tsa yone, a e rapela ka dikeledi, gore kgosi e tlose bosula jwa ga Hamane wa Moagage, le maano a o ne a a logetse Bajuta. 4Foo kgosi ya ntshetsa Esethere thobane ya gagwe ya gouta ya bogosi. Esethere a nanoga, a ema fa pele ga kgosi.
5Mme a re: “Fa go ka kgatlha kgosi, mme fa ke bonye botsalano mo matlhong a yone, fa selo se se siame fa pele ga kgosi, le nna fa ke kgatlha mo matlhong a yone, a go kwalwe go kwalolola dikwalo tse di kwadilweng ke Hamane morwa Hamethathe wa Moagage, tse o di kwaletseng go senya Bajuta ba ba mo dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe a kgosi; 6gonne ke ka itshokela jang go bona bosula jo bo tlaa tlelang batho ba gaetsho? Kgotsa ke ka itshoka jang fa ke bona tshenyego ya losika lwa me?”
7Foo kgosi Ahasueruse a raya Esethere mohumagadi le Moretekai wa Mojuta a re: “Bonang, ke neile Esethere ntlo ya ga Hamane, ene ba mo pegile mo sefateng sa polaelo, gonne o ne a tsenya Bajuta letsogo la gagwe. 8Le lona lo kwalele Bajuta ka fa lo ratang ka gone mo ineng la kgosi, mme lo kane lokwalo ka lenyena la kgosi; gonne lokwalo lo lo kwadilweng mo ineng la kgosi, mme lo kannwe ka lenyena la kgosi, ga go na motho ope yo o ka lo kwalololang.”
9Foo bakwaledi ba kgosi ba bidiwa ka lobaka loo, ka kgwedi ya boraro, e e leng kgwedi ya Sifane, ka letsatsi la bo 23 la yone; mme ga kwalwa ka fa go tsotlhe tse Moretekai o di laolelang Bajuta, le balaodisiwa, le balaodi, le magosana a dikgaolo tsa mafatshe, a a simololang kwa India go ya kwa Ethiopia, dikgaolo di le 127, ga kwalelwa kgaolo ngwe le nngwe ya lefatshe ka fa go kwaleng ga yone, le sešaba sengwe le sengwe ka fa puong ya sone, le Bajuta ka fa go kwaleng ga bone, le ka fa puong ya bone. 10A kwala mo ineng la ga kgosi Ahasueruse, a kana ka lenyena la kgosi, mme a tsamaisa dikwalo ka batsamaisi ba dikwalo ba ba palameng dipitse, ga palangwa dipitse tse di bofefo tse di mo tirong ya kgosi, di tsetswe ke dipitse tse di tlhaoletsweng go tsala.
11Mo go lone lokwalo loo, kgosi ya naya Bajuta ba ba mo motseng mongwe le mongwe tshiamo ya go phuthega le go emela botshelo jwa bone, go senya le go bolaya, le go nyeletsa, thata yotlhe ya batho le ya ba kgaolo ya lefatshe ba ba ratang go ba tlhasela, go bolaya bone le banyana ba bone, le basadi ba bone, le go gapa dilo tsa bone, 12ka tsatsi le le lengwe fela mo dikgaolong tsotlhe tsa mafatshe otlhe a ga kgosi Ahasueruse, e bong ka letsatsi la lesome le boraro la kgwedi ya 12, e e leng kgwedi ya Atare. 13Malebela a lokwalo lo lo reng, taolo e e itsisiwe mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe, ya bolelelwa ditšhaba tsotlhe, le go re Bajuta ba iketleeletse letsatsi leo go tla ba itefetsa mo babeng ba bone.
14Batsamaisi ba dikwalo tse ba ne ba palame dipitse tse di bofefo tse di mo tirong ya kgosi, tsa tswa, di itlhaganedisiwa di kgweediwa ke taolo ya kgosi, molao oo wa tlhongwa mo motseng wa Shušane.
15Moretekai a tswa fa pele ga kgosi a apere diaparo tsa segosi tsa bobududu le bosweu, a bile a na le serwalo se segolo sa gouta, le kobo ya leloba le le boleta le le bohibidu jo bo mokgona; motse wa Shušane wa thela lošalaba, wa itumela. 16Bajuta ba bona lesedi, le boipelo, le boitumelo, le tlotlo. 17Mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe, le mo motseng mongwe le mongwe, kwa taolo le molao wa kgosi o fitlhileng teng, Bajuta ba bona boipelo le boitumelo le modiro le letsatsi le le molemo. Batho ba le bantsi mo ditšhabeng tsa lefatshe ba tloga ba nna Bajuta; gonne poifo ya Bajuta e wetse mo go bone.

Currently Selected:

ESETHERE 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy