YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 15

15
Keresete ke sekao sa go itatola le sa go thusa ba bangwe
1Rona ba re leng thata, re tshwanetse go itshokela makoa a ba ba seng thata, e seng go ikgatlha. 2A mongwe le mongwe wa rona a kgatlhe mongwe-ka-ene, a mmatlele tse di molemo tsa go thusanya mo tumelong. 3Gonne Keresete le ene ga a a ka a ikgatlha, mme go ne go le jaaka go kwadilwe ga twe: “Dikgobo tsa ba ba go kgobang di nkwetse godimo.” 4Kana tsotlhe tse di kwadilweng pele di kwaletswe go re ruta gore re tle re nne le tsholofelo ka go tshwarelela le ka go kgothadiwa ke Dikwalo. 5Jaanong a Modimo wa tshwarelelo le wa kgothatso o lo thuse gore lo utlwane ka fa thatong ya ga Keresete Jesu, 6gore lo galaletse Modimo, Rra Morena wa rona Jesu Keresete, ka bongwefela jwa pelo ka molomo o le mongwe fela.
7Tsholanang he, jaaka Keresete le ene a re tsholetse go galaletsa Modimo. 8Gonne ka re, Keresete o ne a nna modiredi wa Bajuta ka ntlha ya boammaaruri jwa Modimo, gore a tlhomamise tse borraetsho ba di boleletsweng pele, 9mme baheitane bone ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo-botlhoko, jaaka go kwadilwe ga twe:
“Ka ntlha ya moo
ke tla go baka mo baheitaneng,
ke opelela leina la gago.”
10Go bile ga twe:
“Lona baheitane, itumeleng
mmogo le morafe wa gagwe!”
11Ga ba ga twe:
“Bakang Morena,
lona baheitane lotlhe,
lo mmake,
lona merafe yotlhe!”
12Gape Jesaya a re:
“Go tla tla modi wa ga Isai,
e bong ene yo o tsogang
go laola baheitane;
baheitane ba tla solofela
mo go ene.”
13Mme jaanong a Modimo wa tsholofelo o lo tlatse boitumelo jotlhe le kagiso ka go dumela gore lo tote bogolo mo tsholofelong ka thata ya Mowa o o Boitshepo.
Boapostolo jwa ga Paulo le maikaelelo a gagwe
14Ba ga etsho, le nna ka nosi ke itse tota ka ga lona gore lo tletse molemo, lo tladitswe kitso yotlhe; e bile lo nonofile go kaelana. 15Le fa go ntse jalo, e re ka ke ne ke rata go lo gakolola gape, ke lo kwaletse mo gongwenyana ka bopelokgale ka ntlha ya bopelotlhomogi jo ke bo filweng ke Modimo 16gore ke nne modiredi wa ga Keresete Jesu mo baheitaneng le moperesiti wa Efangele ya Modimo, gore baheitane ba nne tshupelo e e amogelegang, e e itshepisitsweng ke Mowa o o Boitshepo. 17Ke ka moo ke nang le go ka ipoka mo go Keresete Jesu ka ntlha ya go direla Modimo. 18Gonne ke tla beta pelo fela go bolela tse Keresete o neng a di dira ka nna go isa baheitane kutlong ka mafoko le ditiro, 19ka thata ya ditshupo le dikgakgamatso le ka thata ya Mowa wa Modimo, mo ke bileng ke tlatsa lefatshe Efangele ya ga Keresete go simolola kwa Jerusalema le mo tikologong go ya go fitlha kwa Ileriko. 20Ke ne ke itlotla ka go rera Efangele, kwa Keresete a iseng a bolelwe teng gore ke se ka ka aga mo motheong wa yo mongwe. 21Mme e le jaaka go kwadilwe ga twe:
“Ba ba iseng ba itsisiwe
ka ga gagwe ba tla bona,
le ba ba iseng ba utlwe
ba tla tlhaloganya.”
22Ke ka moo ke neng ke tshwarega gantsi go tla koo go lona. 23Jaanong e re ka ke sa tlhole ke na le kwa ke yang teng mo mafatsheng ano, e bile e setse e le dingwaga tse dintsi, ke ntse ke tlhologeletswe go tla koo go lona, 24motlhang ke yang kwa Sepania; gonne ke solofela go lo bona, fa ke feta koo, le go romelwa teng ka thuso ya lona, ke sena go lapolosiwa pelo go se kae mo go lona. 25Mme jaanong ke etela kwa Jerusalema, ke ya go direla baitshepi; 26gonne ba Maketonia le Agaya ba bonye go le molemo go phuthela bahumanegi ba baitshepi ba ba kwa Jerusalema dikatso. 27Ee, ba ratile jalo, e bile ba sesuga mo go bone; gonne fa baheitane ba abetswe dilo tsa bone tsa mowa, ke tshwanelo ya bone gore ba ba leboge ka dilo tsa bone tsa mmele. 28E tla re fa ke sena go swetsa jalo le go tsenya maungo a dikabelo mo diatleng tsa bone, ke fete ka lona, fa ke ya kwa Sepania. 29Mme ke itse gore mogang ke tlang koo go lona, ke tla tla ka lesego le le tletseng la Efangele ya ga Keresete.
30Bakaulengwe, ke lo rapela ka Morena wa rona Jesu Keresete le ka lorato lwa Mowa gore lo nthuse mo ntweng ka go nthapelela Modimo 31gore ke falodisiwe mo go bone ba ba kwa Jutea, ba ba ganang go utlwa, le gore tirelo ya me e ke e direlang Jerusalema e natefele baitshepi, 32e tle e re fa e le go rata ga Modimo ke tle koo go lona ka boitumelo, ke lapologe ke le mo go lona. 33A Modimo wa kagiso o nne le lona lotlhe! Amen.

Currently Selected:

BAROMA 15: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy