YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 14

14
Bopelotelele mo go ba ba bokoa
1Yo o bokoa mo tumelong lo mo tshole, lo se ganetsanye ka ntlha ya maikutlo. 2Mongwe o dumela gore o ka ja tsotlhe, mme yo o bokoa o ja merogo fela. 3Yo o jang a a se nyatse ene yo o sa jeng; mme yo o sa jeng a a se atlhole yo o jang; gonne Modimo o mo amogetse. 4Kana wena o mang yo o ka atlholang motlhanka wa yo mongwe? Ene o emela gongwe o wela Morena wa gagwe; mme o tla emisiwa, gonne Morena o nonofile go ka mo emisa.
5Yo mongwe o kaya gore letsatsi lengwe le feta le lengwe; mme yo mongwe ene o kaya gore malatsi a a tshwana. A mongwe le mongwe a tlhomame mo boitlhomong jwa gagwe. 6Yo o tlotlang letsatsi o le tlotlela Morena; yo o jang o ja ka ntlha ya Morena, gonne o leboga Modimo. Mme yo o sa jeng o lesa go ja ka ntlha ya Morena, mme o leboga Modimo. 7Gonne ga go ope wa rona yo o itshelelang, e bile ga go ope yo o itshwelang; 8gonne fa re tshela, re tshelela Morena; fa re swa, re swela Morena; ka moo, le fa re tshela gongwe re swa, re ba Morena. 9Gonne se Keresete a se swetseng, a ba a tsoga, a phela gape, ke gore a tle a nne Morena wa baswi le baphedi. 10Mme wena o beelang ngwana wa ga Rraago molato? Gongwe le wena, o nyaletsang ngwana wa ga Rraago? Gonne rotlhe re tla ema fa pele ga sedulo sa katlholo sa Modimo; 11gonne go kwadilwe ga twe:
“Ka bophelo jwa me!
Mangole otlhe
a tla nkhubamela,
diteme tsotlhe
di tla ipolela Modimo,
go bua Morena.”
12Ke ka moo mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelang ka boene mo Modimong.
Go phedisanya ka lorato
13Jalo he, a re se tlholeng re baana melato, mme bogolo tlhokomelang gore go se nne ope yo o kgopisang mokaulengwe gongwe go mo leofisa. 14Ke a itse, e bile ke itse ka tlhomamo ka Morena Jesu gore ga go sepe se se itshekologileng ka bosona; mme ene yo o se kayang se itshekologile, se itshekologetse ene. 15Gonne fa mokaulengwe wa gago a ka belaediwa ke wena ka ntlha ya dijo, foo ò tla bo o sa tlhole o tsamaya ka fa loratong. Motho yo Keresete o mo swetseng ò se ka wa mo senya ka dijo tsa gago. 16Jaanong a molemo wa lona o se ka wa kgalwa! 17Gonne puso ya Modimo ga se go ja le go nwa, mme ke tshiamo le kagiso le boitumelo ka Mowa o o boitshepo. 18Gonne ene yo o direlang Keresete ka tseo ke yo o kgatlhang Modimo, e bile o ikanngwa ke batho.
19Ka moo he, a re lateleng tsa kagisanyo le tsa ketleetsanyo tumelong! 20O se ka wa senya tiro ya Modimo ka ntlha ya dijo. Dilo tsotlhe di itshekile; mme di bosula mo mothong yo o di jang ka pelaelo. 21Go molemo, fa go ka tlogelwa go ja nama le go nwa bojalwa le sengwe le sengwe se mokaulengwe wa gago a ka kgopisiwang ke sona. 22Fa o na le kgololesego, a e nne ya gago ka bowena fa pele ga Modimo. Go sego yo o sa itshekiseng mo go se a se kayang se letleletswe. 23Mme yo o jang a belaela ene o atlhotswe molato, ka a sa je ka tumelo. Mme sengwe le sengwe se e seng sa tumelo ke boleo.

Currently Selected:

BAROMA 14: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy