YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 16

16
Ditumediso le dikeleletso
1Ke lo laela Febe, kgaitsadia-rona, yo e leng modiredi wa phuthego ya kwa Kenegerea, 2gore lo mo tshole mo Moreneng jaaka go tshwanetse baitshepi, le go mo thusa ka fa a batlang thuso ya lona ka teng; gonne le ene e ne e le mothusi wa ba bantsi le wa me ka nosi.
3Dumedisang Perisila le Akwila, bathusi ba me mo go Keresete Jesu, 4ba ba femetseng botshelo jwa me ka dithamo tsa bone, ba ke ba lebogang, mme e seng nna fela; e bile ba lebogwa ke diphuthego tsotlhe tse di tswang mo baheitaneng. 5Dumedisang le phuthego e e kgobokanelang mo ntlong ya bone.
Dumedisang Epeneto, moratwi wa me, yo e leng ene wa ntlha yo o ineetseng Keresete kwa Asia. 6Dumedisang Maria yo o itapisitseng gagolo ka ntlha ya rona. 7Dumedisang Anteroniko le Junia, ba setšhaba sa ga etsho, ba ba neng ba tshwerwe mmogo le nna, ba ba tumileng mo baapostolong, ba ba bileng ba ineetse Keresete pele ga me.
8Dumedisang Ampelea, moratwi wa me mo Moreneng. 9Dumedisang Urubano, mothusi wa rona mo go Keresete, le Setagi, moratwi wa me. 10Dumedisang Apele yo o ikanyegang mo go Keresete. Dumedisang bakaulengwe mo go ba ga Arisetobulo. 11Dumedisang Herodione wa setšhaba sa ga etsho. Dumedisang ba e leng ba Morena mo go ba ga Narekiso.
12Dumedisang Terefina le Terefosa, basadi ba ba direlang Morena. Dumedisang Peresise yo o rategang, mosadi yo o diretseng Morena thata. 13Dumedisang Rufo, motlhaolwi wa Morena, le mmaagwe yo le nna e leng mme. 14Dumedisang Asinkerito le Felegone le Hereme le Pateroba le Herema le bakaulengwe ba ba nang nabo. 15Dumedisang Filologo le Julia le Nereo le kgaitsadie le Olempa le baitshepi botlhe ba ba nang nabo.
16Dumedisanyang ka katlo e e boitshepo. Diphuthego tsotlhe tsa ga Keresete di a lo dumedisa.
17Mme jaanong, bakaulengwe, ke lo rapela gore lo ele bone tlhoko ba ba tsosang dikgaogano le dikgopiso kgatlhanong le thuto e lo e ithutileng mo go rona, lo ba efoge. 18Gonne ba ba ntseng jalo ga ba direle Keresete Morena wa rona, mme ba direla dimpa tsa bone; dipelo tsa ba ba sa sekasekeng ba di tsietsa ka mafoko a a borethe le ka dipuo tse dintle. 19Kana kutlo ya lona e itsegile mo go botlhe. Ka moo ke a lo itumelela, ke bile ke eletsa gore lo tlhalefele molemo; mme lo sisimoge bosula. 20Modimo wa kagiso o tla gatelela Satane ka bonako fa tlase ga dinao tsa lona.
A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu bo nne le lona!
21Timotheo, mothusi wa me, le Lukio le Jasone le Sosipatere, ba setšhaba sa ga etsho, ba a lo dumedisa.
22Nna, ke le Teretio, mokwadi wa lokwalo lo, ke lo dumedisa mo Moreneng.
23Gayo yo ke nnang mo ntlong ya gagwe, yo o tsholang phuthego yotlhe, o a lo dumedisa. Eraseto, motsholamadi wa motse, le Kwarato, mokaulengwe, ba a lo dumedisa. 24A bopelotlhomogi jwa Morena wa rona Jesu Keresete bo nne le lona lotlhe! Amen.
25Ona o o nonofileng go ka lo tiisa ka fa Efangeleng ya me, le ka fa therong ka ga Jesu Keresete, ka fa ponatshegong ya bosaitsiweng jo bo neng bo subilwe go tswa bosasimologeng, 26jo jaanong bo senotsweng ka dikwalo tsa baporofeti, jwa itsisiwa merafe yotlhe ka fa taolong ya Modimo o o sa khutleng gore e ineele mo kutlong ya tumelo; 27ona Modimo o o leng botlhale o le osi, a kgalalelo e nne ya ona ka Jesu Keresete ka bosakhutleng! Amen.

Currently Selected:

BAROMA 16: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy