YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 13

13
Go ikokobeletsa mebuso
1A motho mongwe le mongwe a ikokobeletse balaodi ba ba busang; gonne ga go na mmuso fa e se o o tswang Modimong; mebuso e e le yong e beilwe ke Modimo. 2Ka moo, yo o ganang mmuso o emelana le puso ya Modimo; mme ba ba o ganang ba tla itsisetsa katlholo. 3Gonne babusi ga se ba ba boifiwang ka ntlha ya tiro e e molemo, mme e le ka ntlha ya e e bosula. Jaanong fa o sa rate go boifisiwa ke mmuso, dira molemo, mme o tla bona tlotlo mo go ona. 4Gonne ke modiredi wa Modimo mo go wena gore o bone molemo. Mme fa o dira bosula, o boife; gonne ga o a tsholela tšhaka lefela; ka gonne ke modiredi wa Modimo, ke mmusolosi yo o dirafatsang bogale jwa Modimo mo go ene yo o dirang bosula. 5Ka ntlha ya moo ke tshwanelo go ikokobetsa, e seng fela ka ntlha ya petso, mme e bile e le ka ntlha ya segakolodi.
6Ke ka ntlha ya moo lo ntshang lekgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng tiro eo ya bone ka metlha. 7Jaanong neelang mongwe le mongwe se se mo tshwanetseng: lo neele lekgetho ene yo o tshwanetsweng ke lekgetho, pulatsela ene yo o tshwanetsweng ke pulatsela, poifo ene yo o tshwanetsweng ke poifo, tlotlo ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo.
Lorato lo dirafatsa molao
8Lo fetse tsotlhe tse di tshwanetseng go lešwa, go sale go ratana fela; gonne yo o ratang yo mongwe o dirafaditse molao. 9Gonne ditaolo tse di reng: “O se ka wa dira boaka; o se ka wa bolaya; o se ka wa utswa; o se ka wa supa tshupo ya kako; o se ka wa eletsa,” le fa go ka ne go le taolo e nngwe e sele, di akareditswe ka lefoko le le reng: “O rate mongwe-ka-wena jaaka o ithata.” 10Lorato ga lo direle motho bosula; ke ka moo lorato e leng tirafatso ya molao.
Sepelang lo thantse sentle!
11Dirang jalo, ka lo itse sebaka gore e setse e le nako ya go tsoga mo thobalong; gonne pholoso e re atametse jaanong bogolo go jale fa re simolola go dumela. 12Bosigo bo a sa, letsatsi le atametse; ka moo, a re apoleng ditiro tsa lefifi, re apareng marumo a lesedi! 13A re tsamaeng re itshotse sentle jaaka mo motshegareng, e seng mo medirong ya tlhapelo le ya botagwa, e seng mo marobalelong a boaka le mekgweng e e maswe, e seng mo kgannye le mo lefufeng; 14mme aparang Morena Jesu Keresete, lo se tlameleng mmele ka mokgwa o o ka tsosang dikeletso tse di bosula.

Currently Selected:

BAROMA 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy