YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 12

12
Go ineela Modimo le go dirisa dineo tsa ona ka boikanyo
1Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng. 2Lo se ka lwa tshwana le lefatshe leno, mme fetogang ka go ntšhwafadiwa maikutlo, gore lo tlhotlhomise se e leng thato ya Modimo e e molemo, e e kgatlhang, e e botlalo.
3Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe. 4Kana re na le ditokololo tse dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe ga di dire tiro e le nngwe fela, 5rona re mmele o le mongwe jalo mo go Keresete, le fa re le bantsi, mme rotlhe re direlana re le ditokololo. 6Jaanong re na le dineo tse di farologanyeng ka fa bopelotlhomoging jo re bo neilweng: Yo o nonotshitsweng go rera a a go dirise ka go utlwana le tumelo; 7yo o direlang a a tlhokomele tirelo; yo o rutang a a tlhokomele go ruta; 8yo o kgothatsang a a tlhokomele go kgothatsa; yo o atswang a a atswe ka pelo e tshweu; yo o gogang phuthego a a dire ka tlhoafalo; yo o dirang tsa kutlwelo-botlhoko a a dire a thabile.
9A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo. 10Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana. 11Se lapeng mo tlhoafalong, lo tuke mo moweng, lo direle Morena. 12Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong. 13Abelang baitshepi ba ba tlhokang; itlwaetseng go tshola baeng.
14Tshegofatsang ba ba lo bogisang; tshegofatsang, mme lo se ka lwa hutsa. 15Itumeleng le ba ba itumelang, lo lele le ba ba lelang. 16Nnang bopelonngwe fela. Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka losi.
17Se busoloseng bosula jwa ga ope ka bosula; gopolang tse di molemo mo bathong botlhe. 18Fa go kgonega ka fa thateng ya lona, agisanyang le batho botlhe. 19Baratwi, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme sutelang bogale jwa Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me, nna ke tla busolosa, go bua Morena.” 20“Jesa mmaba wa gago, fa a tshwerwe ke tlala; mo nose, fa a nyorilwe; gonne ka go dira jalo o tla tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” 21O se ka wa fenngwa ke bosula, mme fenya bosula ka molemo.

Currently Selected:

BAROMA 12: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy