1
BAROMA 12:2
Setswana 1970
Lo se ka lwa tshwana le lefatshe leno, mme fetogang ka go ntšhwafadiwa maikutlo, gore lo tlhotlhomise se e leng thato ya Modimo e e molemo, e e kgatlhang, e e botlalo.
Compare
Explore BAROMA 12:2
2
BAROMA 12:1
Jaanong, ba ga etsho, ke a lo kgothatsa, ka re na le kutlwelo-botlhoko ya Modimo, gore lo neele Modimo mebele ya lona go nna setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se o kgatlhang; ke yona tirelo-Modimo ya lona e e lebanyeng.
Explore BAROMA 12:1
3
BAROMA 12:12
Itumeleng mo tsholofelong; itshokeleng tlalelo; tswelelang mo thapelong.
Explore BAROMA 12:12
4
BAROMA 12:21
O se ka wa fenngwa ke bosula, mme fenya bosula ka molemo.
Explore BAROMA 12:21
5
BAROMA 12:10
Mo loratong lwa bakaulengwe lo ratane ka pelo yotlhe; gaisanyang ka go tlotlana.
Explore BAROMA 12:10
6
BAROMA 12:9
A lorato e nne lo lo sa itimokanyeng; ilang bosula, kgomarelang molemo.
Explore BAROMA 12:9
7
BAROMA 12:18
Fa go kgonega ka fa thateng ya lona, agisanyang le batho botlhe.
Explore BAROMA 12:18
8
BAROMA 12:19
Baratwi, lo se ka lwa ipusolosetsa, mme sutelang bogale jwa Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Pusoloso ke ya me, nna ke tla busolosa, go bua Morena.”
Explore BAROMA 12:19
9
BAROMA 12:11
Se lapeng mo tlhoafalong, lo tuke mo moweng, lo direle Morena.
Explore BAROMA 12:11
10
BAROMA 12:3
Gonne ke raya mongwe le mongwe wa lona ka bopelotlhomogi jo ke bo neilweng ka re: A a se ikaye mogolo go feta tshwanelo ya go ikaya, mme a a akanye go nna tekano ka fa tumelong e Modimo o e lekanyeditseng mongwe le mongwe.
Explore BAROMA 12:3
11
BAROMA 12:17
Se busoloseng bosula jwa ga ope ka bosula; gopolang tse di molemo mo bathong botlhe.
Explore BAROMA 12:17
12
BAROMA 12:16
Nnang bopelonngwe fela. Se batleng dilo tse dikgolo, mme tsalanang le ba ba kwa tlase. Lo se ikaye botlhale ka losi.
Explore BAROMA 12:16
13
BAROMA 12:20
“Jesa mmaba wa gago, fa a tshwerwe ke tlala; mo nose, fa a nyorilwe; gonne ka go dira jalo o tla tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.”
Explore BAROMA 12:20
14
BAROMA 12:14-15
Tshegofatsang ba ba lo bogisang; tshegofatsang, mme lo se ka lwa hutsa. Itumeleng le ba ba itumelang, lo lele le ba ba lelang.
Explore BAROMA 12:14-15
15
BAROMA 12:13
Abelang baitshepi ba ba tlhokang; itlwaetseng go tshola baeng.
Explore BAROMA 12:13
16
BAROMA 12:4-5
Kana re na le ditokololo tse dintsi mo mmeleng o le mongwe fela, mme ditokololo tsotlhe ga di dire tiro e le nngwe fela, rona re mmele o le mongwe jalo mo go Keresete, le fa re le bantsi, mme rotlhe re direlana re le ditokololo.
Explore BAROMA 12:4-5
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos