YouVersion Logo
Search Icon

MALEAGI 3

3
1“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua Morena wa masomosomo.
2Mme ke mang yo o ka itshokelang letsatsi la go tla ga gagwe? go tla ema mang mogang a bonalang? Gonne o tshwana le molelo wa mogakolosi; o tshwana le molora wa matlhatswi. 3O tla nnela go gakolosa le go itshekisa selefera. O tla itshekisa bomorwa Lefi, a ba tlhapisa jaaka go tlhatswiwa gouta le selefera, gore ba isetse Morena tshupelo ka tshiamo. 4Foo tshupelo ya Juta le ya Jerusalema e tla natefela Morena jaaka mo malatsing a kgale le jaaka mo dinyageng tsa bogologolo.
5“Ke tla lo atamela ka tshekiso ke le mosupi yo o bobebe, ke betsa badiri ba mereo ya boloi le ba ba itshepololang nyalo le ba ba ikanang ka maaka, le ba ba gatelelang badiredi ba bone mo tuelong le motlholagadi le khutsana, le ba ba siamololelang moeng, ba sa mpoife,” go bua Morena wa masomosomo.
Ka ga kabelo ya lesome
6“Gonne nna Morena ga ke a fetoga; mme lona lo ntse lo le bomorwa Jakobe fela. 7Go tloga mo malatsing a borraeno lo fapogile mo melaong ya me, ga lo a ka lwa e tshegetsa. Boelang kwa go nna, foo ke tla boela kwa go lona,” go bua Morena wa masomosomo! “Mme lo botsa lo re: ‘Re na le go boa mo go eng?’ 8A motho o ka tsietsa Modimo? Nnyaya! Mme lona lo ntse lo ntsietsa. Mme lo botsa lo re: ‘Re go tsieditse ka eng?’ Ka kabelo ya lesome le ka lekgetho. 9Lo hutsitswe ka khutso, mme lo ntse lo ntsietsa lona setšhaba sotlhe. 10Tlisang kabelo ya lesome yotlhe kwa ntlong ya lehumo gore go nne dijo mo Ntlong ya me! A ko lo nteke ka go dira jalo, lo bone gore a ga nkitla ke lo bulela dithoba tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego go fitlha lo sa tlhoke sepe.” Go bua Morena wa masomosomo. 11“Mme ke tla thibela seji mo go lona gore se se ka sa lo senyetsa dijwalo tsa masimo; le gona setlhare sa moweine ga se kitla se tlhoka go lo ungwela,” go bua Morena wa masomosomo. 12“Ditšhaba tsotlhe di tla lo tumisa di re: ‘Lo letlhogonolo;’ gonne lefatshe la lona e tla nna le le kgatlhisang,” go bua Morena wa masomosomo.
Modimo o tla utlwela batho ba ona botlhoko
13“Mafoko a lona a makete mo go nna,” go bua Morena. “Mme lo botsa lo re: ‘Re ne ra buisanya eng se se go kgopisitseng?’ 14Lo buile lwa re: ‘Ke lefelafela go direla Modimo. Go re thusa eng, fa re tshegeditse ditaelo tsa ona, mme re tsamaya ka diaparo tsa khutsafalo fa pele ga Morena wa masomosomo? 15Ka moo rona re tumisa ba ba ikgogomosang; le gona ba ba dirang tsa boikepo ba a tswelela pele; e bile ba raela Modimo, mme ba a falola!’ ”
16Ke fa ba ba boifang Morena ba buisanya. Mme Morena a reetsa, a utlwa; ga kwalwa lokwalo lwa segopotso fa pele ga gagwe, lwa kwalelwa ba ba boifang Morena, ba ba tlotlang leina la gagwe. 17“E tla re ka letsatsi le ke le etleetsang ba nne ba me,” go bua Morena wa masomosomo; “ke tla ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang. 18Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.

Currently Selected:

MALEAGI 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy