YouVersion Logo
Search Icon

MALEAGI 2

2
Petso ya baperesiti
1“Jaanong, lona baperesiti, taolo e, e raya lona! 2Fa lo sa utlwe, fa lo sa e tshware ka pelo gore lo tlotle leina la me, foo ke tla romela khutso mo go lona, ke fetola masego a lona khutso, ee, ke setse ke dirile jalo, ka lo sa e tshware ka pelo,” go bua Morena wa masomosomo. 3“Bonang, ke tla lo ntsha mo tirong, ke mathela moswang mo difatlhegong tsa lona, e bong moswang wa meletlo ya lona, mme ba tla lo latlhela kwa go ona. 4Mme lo tla itse gore ke lo rometse taolo e gore kgolagano ya me le Lefi e tlhomame,” go bua Morena wa masomosomo.
5“Kgolagano ya me nae e ne e le bophelo le kagiso; ka di mo naya gore a mpoife; mme o ne a mpoifa, a tshoga leina la me. 6Thuto ya boammaaruri e ne e le mo molomong wa gagwe; tshiamololo ga e a ka ya fitlhelwa mo puong ya gagwe; a tsamaya le nna mo kagisong le mo nneteng, a sokolola ba bantsi mo bokgopong. 7Gonne molomo wa moperesiti o na le go boloka kitso; thuto e batlwa mo molomong wa gagwe, ka ene e le morongwi wa Morena wa masomosomo.
8“Mme lona lo fapogile mo tseleng, lwa usa ba bantsi ka thuto e e seng yona; lo sentse kgolagano ya Balefi,” go bua Morena wa masomosomo. 9“Ke gona ka moo le nna ke lo dirileng banyatsegi ba ba kwa tlase mo morafeng otlhe; ka gonne lona ga lo tsamae mo ditseleng tsa me, mme lo ruta batho ka go gobelela.”
Boikanyologo jwa Baiseraele
10Rona rotlhe a ga re na Rraarona a le mongwe? A ga se Modimo o le mongwe fela o o re tlhodileng? Ke ka ntlha ya eng, fa re direlana ka boikanyologo, mme re itshepolola kgolagano ya borraetsho? 11Juta o dirile ka boikanyologo; maila a dirilwe mo Iseraeleng le mo Jerusalema; gonne Juta o itshepolotse morafe o o boitshepo o Morena a o ratang, ka go nyala morwadia modimo o sele. 12Monna yo o dirang jalo a Morena a mo nyeleletse yo o bitsang le yo o arabang mo matlong a Bajakobe le yo o tlisetsang Morena wa masomosomo tshupelo!
13Tse lo tla di dirang la bobedi ke tse: Lo tla khurumetsa aletare ya Morena ka dikeledi le ka selelo le ka diphegelo, ka gore ga a tlhole a tlhokomela tshupelo le e seng go kgatlhwa ke tse di tswang mo diatleng tsa lona. 14Mme lo botsa lo re: “Ke ka ntlhaang?” Ke ka gore Morena ke mosupi fa gare ga gago le mosadi wa bošwa jwa gago, yo wena o mo tlhadileng, etswe ene e le mogatso le modumedi ka wena. 15Ga go na monna ope yo o ka dirang jalo, fa a sa ntse a na le mowa wa tumelo. Yo o ntseng jalo o batla eng? O batla losika lwa morafe wa Modimo. Ka moo itise mo moweng wa gago, mme o se ka wa tlhala mosadi wa bošwa jwa gago! 16Morena, Modimo wa Iseraele, a re: “Ke tlhoile tlhalo le motlhadi yo o kgotlelang diaparo tsa gagwe ka tshiamololo.” Ka moo Morena wa masomosomo a re: “Itiseng ka ntlha ya mowa wa tumelo ya lona, mme lo se ka lwa dira ka boikanyologo!”
Letsatsi la Morena
17Lo lapisitse Morena ka mafoko a lona. Mme lo botsa lo re: “Re mo lapisitse ka eng?” Ke ka polelo ya lona e e reng: “Botlhe ba ba dirang bosula ba molemo mo matlhong a Morena, ba a mo kgatlha!” E bile lo a re: “Modimo o o sekisang o kae?”

Currently Selected:

MALEAGI 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy