1
MALEAGI 3:10
Setswana 1970
Tlisang kabelo ya lesome yotlhe kwa ntlong ya lehumo gore go nne dijo mo Ntlong ya me! A ko lo nteke ka go dira jalo, lo bone gore a ga nkitla ke lo bulela dithoba tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesego go fitlha lo sa tlhoke sepe.” Go bua MORENA wa masomosomo.
Compare
Explore MALEAGI 3:10
2
MALEAGI 3:11-12
“Mme ke tla thibela seji mo go lona gore se se ka sa lo senyetsa dijwalo tsa masimo; le gona setlhare sa moweine ga se kitla se tlhoka go lo ungwela,” go bua MORENA wa masomosomo. “Ditšhaba tsotlhe di tla lo tumisa di re: ‘Lo letlhogonolo;’ gonne lefatshe la lona e tla nna le le kgatlhisang,” go bua MORENA wa masomosomo.
Explore MALEAGI 3:11-12
3
MALEAGI 3:17-18
“E tla re ka letsatsi le ke le etleetsang ba nne ba me,” go bua MORENA wa masomosomo; “ke tla ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang. Mme lo tla baa lo bona pharologanyo fa gare ga mosiami le moikepi, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa o direleng.
Explore MALEAGI 3:17-18
4
MALEAGI 3:1
“Bonang, ke tla roma morongwi wa me gore a baakanye tsela fa pele ga me. Mme Morena yo lo mmatlang o tla tla kwa Tempeleng ya gagwe ka tshoganyetso, e bong moengele wa kgolagano yo o lo kgatlhang. Bonang, o e tla,” go bua MORENA wa masomosomo.
Explore MALEAGI 3:1
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos