Moše a tsholeletsa lefatshe la Egepeto thobane ya gagwe; ke fa MORENA a fokisa phefo ya botlhabatsatsi mo lefatsheng ka letsatsi leo le bosigo jotlhe. Ya re bo sa, phefo ya botlhabatsatsi ya tlisa tsie. Tsie ya tlala ka lefatshe lotlhe la Egepeto, ya nna mo nageng yotlhe eo, e le segopa se segolo thata, se pele ga sona go iseng go ke go tle tsie e e kana ka yona; le gona morago ga sona ga e kitla e tlhola e tla gape e le kalo.