Bona, kamoso go le kana ke tla nesa sefako se se boitshegang thata, se go iseng go ke go ne se se tshwanang naso mo Egepeto go tloga tshimologong ya Egepeto go fitlhelela kajeno. Jaanong he, roma o femele diruiwa tsa gago le tsotlhe tse e leng tsa gago tse di kwa nageng; gonne batho botlhe le diruiwa tse di fitlhelwang kwa nageng, di sa tshabela kwa matlong, di tla bolawa ke sefako, di swa.’ ”