EKESODU 10:21-23
EKESODU 10:21-23 TSW70
MORENA a ba a raya Moše a re: “Tsholeletsa letsogo kwa godimo gore go nne lefifi mo lefatsheng la Egepeto le e keteng motho a ka le tshwara ka seatla.” Moše a tsholeletsa letsogo kwa godimo, ga nna lefifi le lentshontsho mo lefatsheng lotlhe la Egepeto malatsi a le mararo. Batho ba bo ba sa bonane; motho a se ka a nanoga fa a ntseng teng malatsi a le mararo. Mme Baiseraele bone ba ntse ba na le lesedi fa ba agileng teng.

