YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 5

5
Go fodisiwa monna yo o tsenyweng ke mowa o o maswe
(Math 8:28-34; Luke 8:26-39)
1Ba fitlha kwa moseja ga lewatle, mo lefatsheng la Bagerasa. 2Ya re a sena go tswa mo mokorong, a akofa a kgatlhana le monna mongwe yo o nang le mowa o o maswe, a tswa mo diphupung; 3yo boago jwa gagwe bo leng mo diphupung; mme ga bo go se ope yo o ka tlholang a mo golega, nnyaa, le fa e le ka ketane; 4gonne o ne a kile a golegwa gantsi ka mefiri le diketane, mme diketane a di komaganye, le mefiri a e thubaganye. Go ne go se ope yo o nonofileng go mo kgwabofatsa. 5Ka gale le gale, bosigo le motshegare, a le mo diphupung le mo dithabeng, a bo a ntse a goa, a itshegaka ka maje.
6Mme ya re a bona Jesu a sa le kgakala, a taboga, a ya a mo obamela. 7A goa ka lentswe le legolo a re: “Ke dirang ka wena, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” 8Ka gobo o ne a o reile a re: “Tswa mo monneng yo, mowa o o maswe ke wena!”
9Mme a mmotsa a re: “Leina la gago ga twe o mang?” A fetola a re: “Leina la me ke Mophato, gonne re bantsi.” 10Mme a mo rapela thata gore a se ka a e leleka mo lefatsheng leo.
11Jaana ka fa mofapheng wa thaba ga bo go le serapa se segolo sa dikolobe, di fula. 12Mme ya mo rapela ya re: “Mma re ye mo dikolobeng gore re tsene mo go tsone.” 13Mme a e leseletsa. Mewa e e maswe ya tswa, ya tsena mo dikolobeng; mme serapa sa kgokologela ka mapawa mo lewatleng, e ka ne e le di le 2 000; mme tsa betwa ke lewatle.
14Ba ba di disitseng ba tshaba, ba ya ba bolela mo motseng, le mo lefatsheng. Batho ba ya go bona gore se se diretseng ke eng? 15Mme ba tla mo go Jesu, ba fitlhela ene yo o neng a tsenywe ke mewa e e maswe a bile a dutse a apere, a ikutlwa sentle, e bong ene yo o neng a na le mophato; mme ba boifa. 16Ba ba bonyeng ka matlho ba ba kakanyetsa ka fa go dirafaletseng ene yo o ne a tsenywe ke mewa e e maswe ka teng, le ka ga dikolobe.
17Ba simolola go mo rapela gore a tswe mo lefatsheng la bone.
18Mme ya re a tsena mo mokorong, yo o neng e tsenywe ke mewa e e maswe a mo rapela gore a nne nae.
19Mme a se ka a mo leseletsa, a mo raya a re: “Ya kwa gaeno kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dikgolo tse Morena o di go diretseng, le jaaka a go tlhomogetse pelo.”
20Mme a tsamaya, a ya a simolola go utlwatsa mo Dekapolise dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme batho botlhe ba gakgamala.
Morwadia Jairo le mosadi yo o amileng diaparo tsa ga Jesu
(Math 9:18-26; Luke 8:40-56)
21E rile Jesu a sena go ba a tshelela kwa moseja o mongwe ka mokoro, bontsi jo bogolo jwa batho jwa phuthegela kwa go ene, a le fa lewatleng. 22Mme ga tla mongwe wa balaodi ba ntlo ya thuto, go twe Jairo; mme ya re a mmona a wela fa dinaong tsa gagwe. 23A mo rapela thata a re: “Morwadiake wa ngwanyana o fela mo losong, ke a go rapela, o tlo o tle, o beye diatla tsa gago mo go ene gore a fodisiwe, a tshele.”
24Jesu a ya nae; batho le bone ba le bantsi ba mo sala morago, ba mo kgotlhaganyetsa.
25Mme mosadi yo o sa leng a lwala ka go tshologa madi ka dinyaga di le 12, 26mme a bogile dilo di le dintsi ka dingaka di le dintsi, a bile a fedisitse dilo tsotlhe tsa gagwe, mme a sa bone thusego epe, bogolo bolwetse bo golela pele fela, 27ya re ka a utlwa ka ga Jesu, a tla a tsena mo bontsing fa morago, a ama seaparo sa gagwe, 28gonne o ne a re: “Fa nka ama le fa e ka bo e le diaparo tsa gagwe fela, ke tlaa fola.”
29Mme ka bonako go elela ga madi mo go ene ga khutla; a ikutlwa mo mmeleng wa gagwe fa a fodisitswe mo petsong ya gagwe. 30Ka bonako, ka Jesu a itemoga fa thata e dule mo go ene, a retologa mo kgotlhaganyong a re: “Yo o amileng diaparo tsa me e mang?”
31Barutwa ba gagwe ba mo raya ba re: “O a bona fa bontsi bo go kgotlhaganyeditse, mme wa re o amilwe e mang?”
32Mme a ba kobakoba go bona ene yo o dirileng selo se. 33Mme mosadi ka a ikitse se se dirilweng mo go ene, a boifa a roroma, a tla a wela fa pele ga gagwe, a mmolelela boammaaruri jotlhe fela. 34Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fole mo petsong ya gago.”
35Ya re a sa ntse a bua, bangwe ba tla, ba tswa kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto, ba re: “Morwadio o sule, ana o sa ntse o lapisetsang moruti?”
36Mme Jesu, a tlhokomologa lefoko le le buiweng, a raya molaodi wa ntlo ya thuto a re: “O se ka wa boifa, dumela fela.” 37Mme a se ka a leseletsa ope go ya nae, fa e se Petere, le Jakobe le Johane monnawe Jakobe. 38Ba fitlha kwa ntlong ya molaodi wa ntlo ya thuto; mme a fitlhela go le khuduego, batho ba le bantsi ba lela, ba kurueletsa godimo. 39Ya re a sena go tsena a ba raya a re: “Lo direlang khuduego jaana, lo lela? Ngwana ga a a swa, o robetse.”
40Mme ba mo tshega ka tshotlo. Ene ya re a sena go ba ntshetsa botlhe kwa ntle, a tsaya rrangwana le mmaagwe, le bone ba o nang nabo, a tsena kwa ngwana o leng teng. 41A tshwara ngwana ka seatla, a mo raya a re: “Talitha kumi,” ke go re fa go phuthololwa: “Morweetsana ke a go raya, tsoga.”
42Ka bonako morweetsana a tsoga, a tsamaya ka dinao, gonne o ne a le dinyaga di le some le bobedi. Ba gakgamala ka kgakgamalo e kgolo. 43Mme a ba laya thata gore go se itse ope selo se; mme a laola gore a fiwe dijo.

Currently Selected:

MAREKO 5: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy