YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 6

6
Jesu o lelekwa kwa Nasaretha
(Math 13:53-58; Luke 4:16-30)
1Mme a tswa teng, a tla mo lefatsheng la ga gabo; le barutwa ba gagwe ba ya nae. 2E rile go tla Sabata, a simolola go ruta mo ntlong ya thuto. Mme batho ba le bantsi ba re ba mo utlwa ba gakgamala ba re: “Monna yo, o tshotse kae dilo tse? Gape, botlhale jo bo neilweng monna yo, ke jo bo ntseng jang? Le ditiro tsa nonofo tse di ntseng jaana, tse di dirwang ka diatla tsa gagwe di kaya eng? 3A ga se ene mmetli wa dikgong, morwa Maria, mogoloa boJakobe, le Josefe, le Jutase, le Simone? Le bokgaitsadie a ga se bone ba re nang nabo fa?” Mme ba kgopega mo go ene.
4 Jesu a ba raya a re: “Moperofeti ga a ke a tlhoka tlotlo, fa e se mo lefatsheng la ga gabo, le mo losikeng lwabo, le mo ntlong ya gagwe.”
5O ne a sa ka ke a dira tiro epe ya nonofo teng, fa e se gore o ne a baya diatla tsa gagwe mo balwetsing ba se kae, mme a ba fodisa. 6Mme a gakgamalela go tlhoka go dumela ga bone. A nna a tsamaya le metsana. A e dikologa a ruta.
Jesu o roma barutwa ba ba 12
(Math 10:5-15; Luke 9:1-6)
7A ipiletsa ba ba 12, a simolola go ba roma ka bobedi le bobedi; a ba naya thata ya go laola mewa e e maswe; 8 a ba laya gore ba se ka ba tseela loeto lwa bone sepe, fa e se tsamma fela; a re, ba se ka ba tsaya senkgwe, le fa e le kuane, le fa e le madi mo meitlamong ya bone; 9a re, ba rwale ditlhako, mme ba se ka ba apara dikobo di le pedi. 10A ba a ba raya a re: “Gongwe le gongwe kwa lo tsenang mo teng, lo nne teng foo go tsamaya lo tswa teng. 11 Mme gongwe le gongwe kwa lo sa tsholwang teng, mme ba gana go lo utlwa, lo re lo tswa teng, lo itlhotlhore lorole lolo fa tlase ga dinao tsa lona, go nna tshupo ka ga bone.” 12Ba bolola ba ya ba rera gore batho ba ikwatlhaye. 13 Ba kgoromeletsa mewa e e maswe le e mentsi ntle, le batho ba le bantsi ba ba lwalang, ba ba tlotsa lookwane, ba ba fodisa.
Loso lwa ga Johane Mokolobetsi
(Math 14:1-14; Luke 9:7-9)
14 Mme kgosi Herote a utlwa, gonne leina la ga Jesu le ne le setse le itsege; mme a re: “Johane Mokolobetsi o tsogile mo losong, ke gone dinonofo tse, di dirang mo go ene.”
15Bangwe ba re: “Ke Elija,” ba bangwe ba re: “Ke moperofeti fela; o ntse jaaka mongwe wa baperofeti.”
16Mme Herote ene o rile a utlwa a re: “Ke Johane yo ke mo kgaotseng tlhogo, o tsogile.” 17 Gonne Herote ka esi o ne a bo a kile a roma batho ba ya go tshwara Johane, a mo golega a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo ka ntlha ya ga Herotiase mosadi wa ga Filipo monnawe, ka a mo nyetse. 18Gonne Johane o na a reile Herote a re: “Ga o a letlelelwa go nyala mosadi wa ga monnao.”
19Mme Herotiase a itira mmaba wa gagwe, a eletsa go mmolaya; mme a retelelwa, 20ka gobo Herote a boifa Johane, a itse fa e le motho yo o siameng, a le boitshepo, mme a mo dibela. Mme e ne e tle e re a mo utlwa a akabale thata, a mo utlwe ka boitumelo. 21Mme e rile go fitlha letsatsi le le laotsweng, la go tlotla botsalo jwa ga Herote, a direla dikala tsa gagwe, le beng ba mephato, le magosana a Galilea modiro; 22mme ya re morwadia Herotiase ka esi a tsena, a bina, a kgatlha Herote le ba ba dutseng nae ba a ja; mme kgosi ya raya morweetsana ya re: “Ntopa fela se o se ratang, mme ke tlaa se go naya.” 23A ba a mo ikanela a re: “Se o tlaa se ntopang fela, ke tlaa se go naya, le fa e ka nna bontlhanngwe jwa bogosi jwa me.”
24Mme a tswa, a ya a raya mmaagwe a re: “Ke tlaa lopa eng?” Ene a re: “Lopa tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi.”
25Mme a itlhaganelela kwa kgosing, a lopa a re: “Ke rata gore o nneye tlhogo ya ga Johane Mokolobetsi fela jaanong jaana ka mogotšana.”
26Mme kgosi ya hutsafala thata; le fa go ntse jalo e se ka ya gana, ka ntlha ya maikano a yone, le ka ntlha ya ba ba dutseng ba ja nayo. 27Mme kgosi ya akofa ya roma leotlana la yone, ya laola gore tlhogo ya gagwe e tlisiwe; mme la ya la mo kgaola tlhogo a le mo ntlong ya kgolegelo. 28La tlisa tlhogo ya gagwe ka mogotšana, la e naya morweetsana; mme morweetsana a e naya mmaagwe. 29Ya re barutwa ba gagwe ba utlwa, ba ya ba tsaya setoto sa gagwe, ba se boloka mo letswing.
Jesu o fepa ba ba 5 000
(Math 14:13-21; Luke 9:10-17; Joh 6:1-14)
30Baaposetole ba phuthegela kwa go Jesu; ba mmolelela dilo tsotlhe tse ba di dirileng, le tse ba di rutileng. 31Mme a ba raya a re: “Tlang lona lo le losi, re tsweleng kwa thoko kwa felong fa go se nang batho, mme lo itapolose ka lobakanyana.” Gonne go ne go le batho ba le bantsi ba ba tlholang ba boaboa, ba bile ba ba tlhokisa lobaka le fa e le lwa go ja. 32Ba tsamaya ka mokoro ba ya kwa thoko kwa felong fa go se nang batho.
33Mme batho ba ba bona ba tsamaya, mme ba le bantsi ba bo ba ba itse, mme ba tabogela teng mmogo, ba tswa mo metseng yotlhe, mme ba ba raka. 34 Mme a tswa, a fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho, mme a ba tlhomogela pelo, ka ba ntse jaaka dinku tse di se nang modisa; mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi. 35Ya re letsatsi le setse le fetile, barutwa ba gagwe ba ya mo go ene, ba re: “Felo fano ke gare ga naga fela, le letsatsi le setse le fetile; 36ba phatlalatse gore ba ye kwa go nang le batho, le mo metsaneng mo tikologong, ba ithekele dijonyana.”
37A ba fetola a re: “Lona ba neyeng go ja.” Ba mo raya ba re: “A ke re ye go reka dinkgwe ka diponto di le 20, re ba neye ba je?”
38A ba raya a re: “Lo na le dinkgwe di le kae? Yang go bona.” Mme ya re ba sena go itse, ba re: “Di tlhano le ditlhapi di le pedi.”
39Mme a ba laola gore batho botlhe ba dule mo bojannyeng jo botala, ka masomo. 40Ba dula ba rulaganye ka makgolo, le ka bomasome a le matlhano. 41Mme a tsaya dinkgwe tse tlhano, le ditlhapi tse pedi, a lelalela legodimong, a leboga, mme a ngathoganya dinkgwe; jaana a di neela barutwa go di baya fa pele ga batho; le tsone ditlhapi tse pedi a di ba abela botlhe. 42Ba ja botlhe, ba kgora. 43Mme ba sela dikabetla, tsa tlatsa diroto di le 12, le ga tsone ditlhapi. 44Mme ba ba jeleng dinkgwe e ne e ka ne e le banna ba le 5 000.
Jesu o tsamaya mo godimo ga lewatle
(Math 14:22-33; Joh 6:15-21)
45Mme a akofa a patelela barutwa ba gagwe go tsena mo mokorong, le go tsamaela pele kwa moseja, kwa Bethesaita, ene ka esi a sa ntse a phatlalatsa batho. 46Ya re a sena go dumedisanya nabo, a tlhatlogela mo thabeng, a ya go rapela. 47Ya re ka lotlatlana mokoro wa bo o le fa gare ga lewatle, mme ene a bo a le esi kwa lefatsheng. 48Mme ka a ba bona ba sugegile ka go fudua mokoro ka bothata, ka gobo ba tlhabaganye le phefo, a ya kwa go bone ka lobaka e ka ne e le lwa tebelo ya bone ya bosigo, a tsamaya mo godimo ga lewatle; mme ya ne e kete o a ba feta. 49Mme bone ya re ba mmona a tsamaya mo godimo ga lewatle, ba gopola gore ke sedimo, mme ba goa; 50ka ba ne ba mmona botlhe, mme ba fuduega. Mme a akofa a bua nabo a re: “Nametsegang; ke nna, se boifeng.” 51A palamela kwa go bone mo mokorong; mme phefo ya khutla; mme ba gakgamala, ba ja kgakge fela. 52Gonne ba se ka ba tlhaloganya ka ga dinkgwe, le dipelo tsa bone di ne di kgwaraletse.
Jesu o fodisa balwetse kwa Genesarete
(Math 14:34-36)
53E rile ba sena go tshela ba fitlha kwa lefatsheng, kwa Genesarete, ba gokela mokoro fa losing. 54Ya re ba sena go tswa mo mokorong, batho ba akofa ba mo lemoga.
55Mme ba taboga le lefatshe leo jotlhe mo tikologong, ba simolola go rwala balwetsi ka malao, ba ba mo latisa kwa ba mo utlwalelang teng. 56Gongwe le gongwe kwa o tsenang teng, mo metsaneng, kgotsa mo metseng, kgotsa mo nageng fela, ba baya balwetsi mo dipatlelong tsa borekelo, ba mo rapela gore ba ke ba ame le fa e ka bo e le makantsa a seaparo sa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fola.

Currently Selected:

MAREKO 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy