YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 4

4
Setshwantsho sa mojadi
(Math 13:1-9; Luke 8:4-8)
1 Gape a simolola go ruta fa lewatleng. Ga bo go phuthegetse kwa go ene bontsi jo bogolo jwa batho, a ba a tla a tsena mo mokorong, a dula mo lewatleng; mme bontsi jotlhe jwa bo bo ikamile lewatle, bo le mo lefatsheng. 2Mme a ba ruta dilo di le dintsi ka ditshwantsho. Mo thutong ya gagwe a ba raya a re:
3“Reetsang. Bonang, mojadi o kile a tswa a ya go jala. 4Mme ga dirala, ya re a ntse a jala, ditlhaka dingwe tsa wela fa tseleng, mme dinonyane tsa tla, tsa di sela. 5Tse dingwe tsa wela fa go leng matlapa, fa go leng mmu o mosesane teng; mme tsa akofa tsa tlhaba, ka di se mo mmung o o boteng; 6mme e rile letsatsi le sena go gotela, tsa ša, mme ka di se na medi tsa omelela fela. 7Tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya gola, ya di hupetsa, mme di se ka tsa ungwa sepe. 8Tse dingwe tsa wela mo mmung o o molemo, tsa ungwa ka di gola di ata; tsa tsala, tsa nna 30, le 60, le 100.” 9Mme a re: “Yo o nang le ditsebe go utlwa, a a utlwe.”
Maikaelelo a ditshwantsho
(Math 13:10-17; Luke 8:9-10)
10Mme e rile a le esi, ba ba fa go ene ba na le ba ba 12, ba mmotsa ka ga ditshwantsho. 11Mme a ba raya a re: “Lona lo neilwe bosaitsiweng jwa bogosi jwa Modimo, mme bone ba ba kwa ntle, dilo tsotlhe ba di direlwa ka ditshwantsho, 12 gore ka go bona ba bone, mme ba se ka ba lemoga; le ka go utlwa ba utlwe, mme ba se ka ba tlhaloganya, e se re kgotsa ba sokologa, mme ba go itshwarelwa.”
Jesu o tlhalosa setshwantsho sa mojadi
(Math 13:18-23; Luke 8:11-15)
13A ba raya a re: “A ga lo itse setshwantsho se? Mme lo tlaa itse jang ditshwantsho tsotlhe? 14Mojadi o jala lefoko. 15Ba ke bone ba ba fa tseleng, kwa lefoko le jalwang teng. Mme e a re ba sena go utlwa, Satane a akofe a tle, a tlose lefoko le le jadilweng mo go bone. 16Jalo le bone ba ba jadilweng fa go matlapa, ke ba e a reng ba sena go utlwa lefoko, ba akofe ba le tshole ka boitumelo; 17mme ga ba na modi mo go bone ka bosi, ba tle ba eme ka lobakanyana fela; e re mogang go tsogang patikego, kgotsa pogiso, ka ntlha ya lefoko, ba akofe ba kgopiwe. 18Ba bangwe ke ba ba jadilweng mo mitlweng; bao ke ba ba utlwileng lefoko; 19mme go bapalwa ke lefatshe, le tsietso ya mahumo, le dithato tsa dilo tse dingwe, di hupetse lefoko, mme ba ungologe. 20Mme ba ke ba ba jadilweng mo mmung o o molemo; ba utlwa lefoko, ba le tshole, ba ungwe 30, le 60, le 100.”
Lobone ka fa tlase ga sejana
(Luke 8:16-18)
21 A ba raya a re: “A lobone lo tle lo tlisiwe gore lo huhumediwe tlase ga seelo, kgotsa ka fa tlase ga bolao? A ga se gore lo tlhongwe mo setlhomong? 22 Gonne ga go a subiwa sepe, fa e se gore se tle se senolwe, le gone ga go a ka ga lobiwa sepe, fa e se gore se tle se tswele mo leseding. 23Fa motho le fa e le mang a na le ditsebe go utlwa, a utlwe.”
24 A ba raya a re: “Lo tlhokomele se lo se utlwang; selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tlaa lekanyediwa ka sone fela; mme lo tlaa okelediwa. 25 Gonne yo o nang le sengwe, ene o tlaa newa; mme yo o se nang sepe, le se o nang naso o tlaa se tseelwa.”
Setshwantsho ka ga peo e e golang
26Mme a re: “Bogosi jwa Modimo bo ntse jaana, bo ntse jaaka fa motho a ka bo a latlhela peo mo mmung; 27mme a robale, a tsoge bosigo le motshegare, mme peo e ka mela, ya gola, ene a sa itse ka fa e golang ka teng. 28Lefatshe le a ikungwisa ka losi; e re pele go tswe mogwang; foo go tswe seako, morago mabele a a tletseng mo seakong. 29 Mme ya re fa mabele a budule, motho a akofe a tsenye thipa, ka gobo go roba go fitlhile.”
Setshwantsho sa peo ya mosetara
(Math 13:31-32; Luke 13:18-19)
30Mme a re: “Ana re tlaa tshwantsha bogosi jwa Modimo jang? Kgotsa re tlaa bo kaya ka setshwantsho sefe? 31Bo tshwana le tlhaka ya peo ya mosetara, e e a reng e jadilwe mo mmung, le fa e le potlana mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng. 32Le fa go ntse jalo fa e jadilwe, e tlhoge e gole, e be e fete merogo yotlhe, e ntshe dikala tse dikgolo; go bo go tle go tle dinonyane tsa loapi, di bone go kwaya mo moriting wa sone.”
33A bua lefoko nabo ka ditshwantsho di le dintsi tse di ntseng jaana, go ya ka fa ba nonofileng go le utlwa ka teng. 34Mme a se ka a bua nabo fa e se ka ditshwantsho; mme e ne e tle e re fa ba le bosi, a rarabololele barutwa ba gagwe dilo tsotlhe.
Jesu o didimatsa sefefo
(Math 8:23-27; Luke 8:22-25)
35Ya re ka letsatsi leo, go le maitseboa, a ba raya a re: “A re tsheleleng kwa moseja.” 36Mme ba tlogela bontsi jwa batho, ba mo tsaya, a ya nabo mo mokorong fela jaaka a ntse. A bo a patilwe ke mekoro e mengwe. 37Mme ga tsoga matsubutsubu a matona a phefo, mme makhubu a metsi a tlolela mo mokorong; mokoro wa ba wa rata go tlala. 38Mme ene a bo a le kwa moseong ga mokoro, a robetse mo mosamong; mme ba mo tsosa, ba mo raya ba re: “Moruti, a ga o re sepe fa re nyelela?”
39Mme a tsoga, a kgalemela phefo, a raya lewatle a re: “Kgaotsa, o sisibale!” Mme phefo ya khutla, ga ba ga nna tuulalo e kgolo. 40Mme a ba raya a re: “Ana lo boifelang? A ga lo ise lo nne le tumelo?”
41Mme ba boifa thatathata ba re: “Ana motho yo e a bo e le mang, fa e bo ne ne phefo e mo utlwa le lewatle jaana?”

Currently Selected:

MAREKO 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy