YouVersion Logo
Search Icon

BAEFESO 1

1
Ditumediso
1 Ke nna Paulo, ke moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo; ke kwalela baitshepi ba ba kwa Efeso, le badumedi mo go Keresete Jesu.
2Ka re: Tshegofatso e nne le lona, le kagiso e e tswang Modimong Rraetsho le Morena Jesu Keresete.
Tshegofatso ya semowa mo go Keresete
3A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, o o re segofaditseng ka masego otlhe a semowa mo mannong a sele godimo mo go Keresete. 4Fela jaaka o sa le o re itshenkela mo go ene pele ga motheo wa lefatshe, gore re nne boitshepo le botlhoka bogole fa pele ga one mo loratong, 5ka o re laoletse gale, gore re bone boemo jwa bongwana ka Jesu Keresete, ka fa go rateng ga one, 6gore re nne pako ya kgalalelo ya tshegofatso ya one, e o e re neileng fela mo go ene Moratwi. 7 Re na le thekololo ya rona mo go ene ka madi a gagwe, e bong boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona, ka fa dikhumong tsa tshegofatso ya one, 8e o e re totiseditseng ka botlhale jotlhe le matsetseleko. 9O re itsisitse bosaitsiweng jwa go rata ga one, ka fa go kgatlhegeng ga one, mo o go ikaeleletseng, 10jwa go fitlhisa sebaka sa botlalo jwa metlha mo go ene, go tla o sopanyetsa dilo tsotlhe mo go Keresete, e bong dilo tse di kwa magodimong, le dilo tse di mo lefatsheng; ka re, mo go ene.
11Le rona re bileng ra dirwa boswa mo go ene, ka re go laoletswe gale ka fa boikaelelong jwa one o o dirang dilo tsotlhe ka fa kgakololong ya go rata ga one; 12gore re nne pako ya kgalalelo ya one, e bong rona ba re ntseng re solofetse mo go Keresete gale. 13Le lona ka lo utlwile lefoko la boammaaruri, e bong Mafoko a a Molemo a poloko ya lona, ka re, yo e rileng ka lo bile lo dumetse mo go ene, lwa kanelwa mo go ene ka Mowa o o Boitshepo wa polelo ya tsholofetso, 14se e leng sebeelelo sa boswa jwa rona, go isa thekololong ya boswa jo e leng jwa Modimo, go isa pakong ya kgalalelo ya one.
Thapelo ya ga Paulo ya kitso le botlhale
15Ke gone ka moo, le nna ke sena go utlwa ka ga tumelo e e mo go lona mo go Morena Jesu, e lo bileng lo e bonatsa mo baitsheping botlhe, 16ke sa khutleng go lo lebogela, ke lo umaka mo merapelong ya me; 17gore Modimo wa Morena wa rona Jesu Keresete, le Rara wa kgalalelo, a ke a lo neye mowa wa botlhale le wa tshenolelo mo kitsong ya one. 18Ka jaana matlho a dipelo tsa lona a sedifaditswe; lo ko lo itse e e leng tsholofetso ya pitso ya one, le e e leng letlotlo la kgalalelo ya boswa jwa one mo baitsheping. 19Le jo e leng bogolo jo bo feteletseng jwa thata ya one ntlheng ya rona ba re dumetseng, ka fa go direng ga thata ya nonofo ya one. 20 Mo o go dirileng mo go Keresete, ka o mo tsosa mo baswing, wa mo dudisa ka fa letsogong la one le legolo mo mannong a selegodimo. 21Kwa godimodimo ga puso yotlhe, le taolo, le thata le bogosi, le maina otlhe a a rewang, e seng mo fatsheng leno losi, e leng le mo go le le tlang, 22 mme wa baya dilo tsotlhe mo taolong fa tlase ga dinao tsa gagwe, wa mo neela phuthego gore a nne tlhogo ya dilo tsotlhe. 23Phuthego ke mmele wa gagwe, botlalo jwa gagwe yo o tlatsang dilo tsotlhe mo go gotlhe fela.

Currently Selected:

BAEFESO 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy