YouVersion Logo
Search Icon

BAEFESO 2

2
Go tswa losong go ya botshelong
1 Le lona o lo rudisitse, jale ka lo ne lo sule ka ditlolo tsa lona le dibe, 2tse e rileng gale lwa sepela mo go tsone ka fa mokgweng wa lefatshe leno, ka fa taolong ya kgosana ya thata ya loapi, ya mowa o gompieno o dirang mo baneng ba ba kgopo. 3Le rona rotlhe re kile ra tshela nabo mo dithatong tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama ya rona, ra dira dikeletso tsa nama le tsa megopolo, mme mo tlholegong ya rona re le bana ba re tshwanetseng bogale, fela jaaka ba bangwe. 4Mme Modimo, ka o humile boutlwelobotlhoko, le ka ntlha ya lorato lo logolo lwa one, lo o re ratileng ka lone, 5le fa re ne re sule ka ditlolo tsa rona; wa re rudisa mmogo le Keresete – lo bolokilwe ka tshegofatso – 6wa re tsosa nae, wa re dudisa nae mo mannong a selegodimo, mo go Keresete Jesu; 7gore e tle e re mo metlheng e e tlang o bo o supe dikhumo tse dikgolo tse di feteletseng tsa tshegofatso ya one ka bopelonomi ntlheng ya rona mo go Keresete Jesu. 8Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; 9go sa tswe mo ditirong, gore go se nne motho ope yo o tlaa ipelafatsang. 10Gonne re tiro ya one, re bopetswe ditiro tse di molemo mo go Keresete Jesu, tse Modimo o di baakantseng gale gore re sepele mo go tsone.
Phuthego e nngwe fela mo go Keresete
11Ke gone, lo gakologelweng fa e rile gale, lona ba lo leng Baditšhaba ka fa bošabeng, ba lo bidiwang Bokgola ke ba go tweng Bogwera, e le jo bo dirilweng ka diatla mo nameng; 12ka re, lo tle lo gakologelwe fa e rile ka baka loo lwa bo lo le kwa ntle ga Keresete, lo ikgogonne mo lekgotleng la Iseraele, lo le baeng ka ga dikgolagano tsa polelo tsa tsholofetso, lo se na tsholofelo, lo se na Modimo mo lefatsheng. 13Jaanong, mo go Keresete Jesu, lona ba e rileng gale lwa bo lo le kgakala lo atameditswe ka madi a ga Keresete. 14Gonne ke ene kagiso ya rona yo o dirileng bobedi bongwe fela, mme a thubaganya lomota lwa tomologano, 15 ka a nyeleditse mo nameng ya gagwe kilano, e bong molao wa ditaolo tse di emeng mo ditaong; gore a bope motho a le mongwe fela yo moša ka ba babedi, mo go ene ka esi, mme a dire kagiso jalo; 16 le gore a ba letlanye le Modimo boo babedi, ba le mmele o le mongwe fela, ka mokgoro, a sena go bolaya kilano ka ona. 17 Mme a tla a rera kagiso mo go lona ba lo neng lo le kgakala, le kagiso mo go ba ba neng ba le gaufi. 18Gonne roo babedi, re na le katamelo ya rona kwa go Rara ka ene, ka Mowa o le mongwe fela.
19Jalo lo bo lo sa tlhole lo le baeng le bajaki fela, mme lo bana ba motse mmogo le baitshepi, lo bile lo ba ntlo ya Modimo. 20Ka lo agilwe mo motheong wa baaposetole le baperofeti, Keresete Jesu ka esi e le ene lentswe le legolo la kgokgotsho; 21yo kago nngwe le nngwe e e kitlantsweng ka tomagano e ntle, e golelang mo go ene, e le tempele e e boitshepo mo Moreneng; 22yo le lona lo agilweng mmogo mo go ene gore lo nne boago jwa Modimo ka Mowa.

Currently Selected:

BAEFESO 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy