YouVersion Logo
Search Icon

BAGALATIA 6

6
Rwadisanyang merwalo
1Bagaetsho, le fa motho a tshwerwe mo tlolong nngwe, lona ba lo leng ba semowa, sokololang yo o ntseng jalo ka mowa wa bonolo; o ntse o ipona, e se re kgotsa le wena wa raelwa. 2Rwadisanyang merwalo, lo dirafatse molao wa ga Keresete jalo. 3Gonne fa motho a ithaya a re, o sengwe, le mororo a se sepe, o a itsietsa. 4Mme a motho mongwe le mongwe a sekaseke e e leng tiro ya gagwe, foo o tlaa bona go ipelafatsa ka ga gagwe ka esi, e seng ka ga wa ga gabo. 5Gonne motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.
6Yo o rutwang mo lefokong a a abele yo o rutang dilo tsotlhe tse di molemo.
7Lo se tsietsege; Modimo ga o sotlwe; gonne se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang. 8Gonne yo o jalelang nama ya gagwe, o tlaa roba sebodu se se tswang mo nameng; mme yo o jalelang Mowa, o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo bo tswang mo Moweng. 9A re se lapeng mo go direng molemo; gonne re tlaa roba mo motlheng o e leng one, fa re sa ngodiege; 10jalo, fa re bona lobaka, a re ke re direng se se molemo mo bathong botlhe, mme bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo.
Tlhagiso le tumediso
11Bonang ditlhaka di dikgolo jang tse ke lo kwaletseng ka tsone ka seatla sa me. 12Botlhe ba ba ratang go lebega sentle mo nameng, ba lo patelela gore lo rupisiwe; e be e le gore ba se ka ba bogisediwa mokgoro wa ga Keresete. 13Gonne le e leng bone ba ba rupang, ga ba tshegetse molao; mme ba rata lona lwa rupisiwa, gore ba ipelafatse ka nama ya lona. 14A go nne kgakala le nna go ipelafatsa, fa e se ka mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete, o lefatshe le mpapoletsweng ka one, le nna ke bapoletswe lefatshe. 15Gonne go le bogwera ga se sepe, go le bokgola ga se sepe, fa e se sebopiwa se seša fela. 16Botlhe ba ba tlaa sepelang ka fa molaong o, a kagiso e nne mo go bone, le boutlwelobotlhoko, le mo go Iseraele wa Modimo.
17Go tloga fano a go se tlhole go le motho ope yo o ntshwenyang; gonne ke tshwailwe methisa ya ga Jesu mo mmeleng wa me.
18Bagaetsho, a tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mowa wa lona. Amen.

Currently Selected:

BAGALATIA 6: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy