YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 4

4
Ditshupelo tsa boleo
1Jehofa a bua le Moše a re: 2“Bua le bana ba Iseraele o re: E tlaa re fa motho a ka leofa a sa itse, mo go sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a dira sengwe sa tsone:
3“E tlaa re fa moperesiti yo o tloditsweng a leofa, a ba a leretse batho molato; foo, a a isetse boleo jwa gagwe jo o bo leofileng kgongwana e tona e e se nang bogole, a e isetse Jehofa, e le tshupelelo ya boleo. 4A a ise kgongwana fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo fa pele ga Jehofa, a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya kgongwana, a tlhabe kgongwana fa pele ga Jehofa. 5Moperesiti yo o tloditsweng a tseye ga madi a kgongwana, a a ise mo mogopeng wa bophuthegelo. 6Moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, a kgatshe madi gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro sa felo ga boitshepo. 7A moperesiti a beye madinyana mo dinakeng tsa sebeso sa maswalo a a nkgang monate, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, fa pele ga Jehofa; mme madi otlhe a kgongwana a tshololelwe fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo. 8Mafura otlhe a kgongwana ya tshupelelo ya boleo a a tlose mo go yone; lomipi le mafura otlhe a boteng; 9le diphilo tsoo pedi le matlhaname a tsone a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose, 10jaaka go tlosiwa mo kgomong ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a di fisetse mo sebesong sa tshupelo e e fisiwang. 11Letlalo la kgongwana le nama yotlhe ya yone, le tlhogo ya yone, le ditlhako tsa yone, le diteng tsa yone, le moswang wa yone, 12e bong kgongwana e le mmogo, a a e ise kwa ntle ga bothibelelo kwa felong fa gontle, kwa molora o tle o thelwe gone, a e fise ka molelo e le mo godimo ga dikgong; kwa molora o thelwang gone, e fisediwe teng.
13“Fa phuthego yotlhe ya Iseraele e timela, mme selo se, se fitlhegetse matlho a phuthego, mme ba dirile sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme ba le molato; 14e tlaa re mogang boleo jo ba bo leofileng bo itsiwe, foo phuthego yotlhe e ise kgongwana e tona tshupelelo ya boleo, ba e ise fa pele ga mogope wa bophuthegelo. 15A bagolwane ba phuthego ba beye diatla tsa bone mo tlhogong ya kgongwana, fa pele ga Jehofa, mme a kgongwana e tlhajwe fa pele ga Jehofa. 16Moperesiti yo o tloditsweng a ise ga madi a kgongwana mo mogopeng wa bophuthegelo; 17moperesiti a ine monwana wa gagwe mo mading, mme a a kgatshe gasupa fa pele ga Jehofa, fa pele ga sesiro. 18A a tshase madi mo dinakeng tsa sebeso se se fa pele ga Jehofa, se se mo mogopeng wa bophuthegelo, mme madi a otlhe, a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang, se se fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo. 19Mafura otlhe a yone a a a tlose mo go yone, a a fisetse mo sebesong. 20A a dire jalo ka kgongwana, jaaka a dirile ka kgongwana ya tshupelo ya boleo, a a dire jalo ka yone e; moperesiti o tlaa bo a ba direla tetlanyo, mme ba tlaa itshwarelwa. 21Kgongwana a a e ise kwa ntle ga bothibelelo a e fise jaaka a fisitse kgongwana ya ntlha; ke tshupelo ya boleo ya phuthego.
22“Fa molaodi a leofa a sa itse, a dira sengwe sa dilo tse Jehofa Modimo o laotseng gore di se ka tsa dirwa, a a nne molato; 23e re fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o leofileng ka jone, a a ise podi seromololo, e le e tona e e se nang bogole. 24A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya podi, a e tlhabe mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang teng fa pele ga Jehofa; ke tshupelo ya boleo. 25Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana wa gagwe, a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso sa tshupelo e e fisiwang. 26Mafura otlhe a yone a a fisetse mo sebesong, jaaka mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe, mme o tla itshwarelwa.
27 “E tlaa re fa mongwe wa ba ba leng batho fela a leofa a sa itse, ka go dira sengwe sa dilo tse Jehofa o laotseng gore di se ka tsa dirwa, mme a le molato; 28fa a itsisitswe boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, foo a a ise podi seromololo, e le e namagadi e e se nang bogole, a e isetse boleo jo o bo leofileng. 29A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelo ya boleo, a tlhabele tshupelelo ya boleo mo felong ga tshupelo e e fisiwang. 30Moperesiti a tseye madinyana ka monwana wa gagwe, a a beye mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso. 31Mafura otlhe a yone a a tlose jaaka go tlosiwa mafura a tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, e le monko o o monate mo go Jehofa; mme moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo, mme o tlaa itshwarelwa.
32“Fa a isa kwanyana e le seromololo sa gagwe sa tshupelo ya boleo, a e ise e le e namagadi e e se nang bogole. 33A a beye seatla sa gagwe mo tlhogong ya tshupelelo ya boleo, a e tlhabe e le tshupelelo ya boleo mo felong fa ba tleng ba tlhabele tshupelo e e fisiwang gone. 34Moperesiti a tseye madinyana a tshupelelo ya boleo ka monwana a a tshase mo dinakeng tsa sebeso sa tshupelo e e fisiwang, mme madi otlhe a yone a a tshololele fa tlase ga sebeso. 35Mafura otlhe a yone a a tlose, jaaka go tlosiwa mafura a kwanyana mo tlhabelong ya ditshupelo tsa kagiso; moperesiti a a fisetse mo sebesong, mo godimo ga ditshupelo tsa ga Jehofa, tse di dirwang ka molelo; moperesiti o tlaa bo a mo direla tetlanyo ka ga boleo jwa gagwe jo o bo leofileng, mme o tlaa itshwarelwa.

Currently Selected:

LEFITIKO 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy