YouVersion Logo
Search Icon

LEFITIKO 3

3
Ditshupelo tsa kagisanyo
1“Fa seromololo sa gagwe e le tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, fa a isa ga matlhape le fa e ka nna tona kgotsa e ka nna namagadi, a a e ise e se na bogole fa pele ga Jehofa. 2A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe a itse go se tlhabela fa mojakong wa mogope wa bophuthegelo, bomorwa Arone, e bong baperesiti, a ba kgatshe madi mo sebesong mo tikologong ya sone. 3A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo, lomipi le mahura otlhe a boteng. 4Le diphilo tsoo pedi, le mahura a a mo go tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose. 5Bomorwa Arone a ba di fisetse mo sebesong mo godimo ga tshupelo e e fisiwang, e e mo godimo ga dikgong tse di mo molelong; ke tshupelo e e dirwang ka molelo, e le monko o monate mo go Jehofa.
6“Fa seromololo sa gagwe sa tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se se isediwang Jehofa, e le sa letsomane, le fa e le tona, le fa e le namagadi, a a se ise se se na bogole. 7Fa a isa kwanyana seromololo sa gagwe, foo a a e ise fa pele ga Jehofa. 8A a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya seromololo sa gagwe, a se tlhabe fa pele ga mogope wa bophutegelo; bomorwa Arone ba kgatshe madi a sone mo sebesong mo tikologong ya sone. 9A a isetse Jehofa ga tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, se e leng tshupelo e e dirwang ka molelo; mafura a sone, le mogatla o o mafura o le mmogo a o kgaolele fela fa mankopeng; le lomipi, le mafura otlhe a boteng. 10Le diphilo tse pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a a di tlose. 11Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo.
12“Fa seromololo sa gagwe e le podi, foo a a e ise fa pele ga Jehofa; 13a a beye letsogo la gagwe mo tlhogong ya yone, a a e tlhabe fa pele ga mogope wa bophuthegelo; a bomorwa Arone ba kgatshe madi a yone mo sebesong tikologong ya sone. 14Mme a ise ga yone seromololo, e bong tshupelo e e direlwang Jehofa ka molelo; lomipi le mafura otlhe a boteng. 15Le diphilo tsoo pedi, le matlhaname a tsone, a a fa dinokeng, le lotswalo lo lo ntseng sebete godimo, lo na le diphilo, dilo tse tsotlhe a di tlose. 16Moperesiti a di fisetse mo sebesong; ke dijo tsa tshupelo e e dirwang ka molelo, go nna monko o o monate; mafura otlhe ke a ga Jehofa. 17Mme a e nne molao o o sa khutleng go ya le dikokomana tsotlhe tsa lona, mo mannong otlhe a lona, gore lo se ka lwa ja mafura, le fa e le madi.”

Currently Selected:

LEFITIKO 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy