YouVersion Logo
Search Icon

HAGAI 2

2
Kgalalelo ya tempele e ntšha
1E rile ka kgwedi ya bosupa, ka letsatsi la 21 la kgwedi, lefoko la ga Jehofa la tla ka Hagai moperofeti, la re: 2“A ko o bue le Serubabele morwa Shealatiele molaodi wa Juta, le Jošua morwa Jehosatake moperesiti yo mogolo, le masalela a batho, o re: 3 ‘Go setse mang mo go lona yo o kileng a bona ntlo e mo kgalalelong ya yone ya pele? Lo e bona jang jaanong? Mo matlhong a lona a ga e a nna jaaka e se sepe? 4Le fa go ntse jalo jaanong o nne thata, wena Serubabele,’ go bua Jehofa. ‘O nne thata, le wena Jošua, morwa Jehosatake, moperesiti yo mogolo; le lona lo nne thata, lona lotlhe batho ba lefatshe,’ go bua Jehofa, ‘lo dire, gonne ke na le lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 5 ‘Ka fa lefokong le ke le golaganetseng le lona jale ka lo tswa Egepeto, le mowa wa me o agile mo go lona; lo se ka lwa boifa.’
6 “Gonne Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘E tlaa nama e nna gangwe fela, ke lobakanyana fela, mme ke tlaa reketlisa magodimo, le lefatshe le lewatle le lefatshe la komelelo. 7Ke tlaa reketlisa merafe yotlhe, mme dilo tse di eletsegang tsa merafe yotlhe di tlaa tla, mme ke tlaa tlatsa ntlo e ka kgalalelo,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 8‘Selefera ke ya me, le gouta ke ya me,’ go bua Jehofa wa masomosomo. 9‘Kgalalelo ya morago ya ntlo e, e tlaa nna kgolo bogolo go ya pele,’ go bua Jehofa wa masomosomo; ‘ke tlaa aba kagiso mo felong fa,’ go bua Jehofa wa masomosomo.”
Moperofeti o buisanya le baperesiti ka ga molao
10E rile ka tsatsi la 24, la kgwedi ya bofera o le mongwe, ka ngwaga wa bobedi wa ga Dario, ga tla lefoko la ga Jehofa ka Hagai moperofeti, la re: 11“Jehofa wa masomosomo o bua jaana, a re: ‘Botsang baperesiti jaana ka ga molao, lo re: 12Fa mongwe a tshotse nama e e itshepileng mo lokojeng lwa seaparo sa gagwe, mme a ama senkgwe ka lokoja lwa gagwe, kgotsa dikgobe, kgotsa bojalwa jwa mofine, kgotsa lookwane, kgotsa dijo dingwe fela, a di tlaa fetoga di nna boitshepo?’ ” Baperesiti ba araba, ba re: “Nnyaa.”
13 Foo Hagai a re: “Fa mongwe yo o itshekologileng ka setoto, a ama sengwe sa dilo tseo, a se tlaa nna itshekologo?” Mme baperesiti ba mo fetola ba re: “Se tlaa nna itshekologo.”
14Foo Hagai a ba fetola, a re: “Batho ba, ba ntse jalo, le morafe o, o ntse jalo fa pele ga me,” go bua Jehofa; “le tiro nngwe le nngwe ya diatla tsa bone e ntse jalo; le se ba se isang tshupelo gone se itshekologile.”
Jehofa o solofetsa Jerusalema masego
15“Jaana ke a lo rapela, lo gopolele go tswa mo bakeng lwa gompieno go ya kwa morago, go tswa mo bakeng lwa pele lentswe le ise le tlhatlaganngwe le lentswe mo tempeleng ya ga Jehofa. 16Ka lobaka loo lotlhe fela e ne e tle e re fa motho a ithaya a re: O tla mo mokoeng o o diele di le 20 a fitlhele di le some fela; fa motho a tla sedibeletsong sa bojalwa a re, o tla go gelela dijana di le 50, a fitlhele go lekanye di le 20 fela. 17Ka lo betsa ka tshubego le ka phori, le ka sefako mo tirong yotlhe ya diatla tsa lona; le fa go ntse jalo ga lo a ka lwa boela mo go nna.” Go bua Jehofa. 18“Ke a lo rapela, lo gopolele go tswa mo bakeng lwa gompieno, le go ya kwa morago, go tswa mo letsatsing la 24 la kgwedi ya 9, go tswa mo tsatsing le motheo wa tempele ya ga Jehofa o theilweng ka lone, lo go gopole. 19A peo e sa ntse e le gone mo ntlong ya mabele? Ee, mofine, le mofeige le garanata, le motlhware, di ntse di sa ungwe; go tloga fano tsatsing leno ke tlaa lo segofatsa.”
Tsholofetso ya Morena mo go Serubabele
20Lefoko la ga Jehofa la tla lwa bobedi kwa go Hagai ka letsatsi la 24 la kgwedi, la re: 21“Bua le Serubabele, molaodi wa Juta, o re: Ke tlaa reketlisa magodimo le lefatshe. 22Ke tlaa ribegetsa setulo sa magosi, ke tlaa senya thata ya magosi a merafe; ke tlaa ribegetsa dikara le ba ba palameng mo go tsone; mme dipitse di tlaa fologa le bapalami ba tsone, mongwe le mongwe ka tšhaka ya morwarraagwe. 23Mo tsatsing leo go bua Jehofa wa masomosomo, ke tlaa go tsaya, wena Serubabele, motlhanka wa me, morwa Sealatiele, go bua Jehofa; ke tlaa go dira o nna jaaka sekanela, gonne ke go itshenketse, go bua Jehofa wa masomosomo.”

Currently Selected:

HAGAI 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy