Le fa go ntse jalo jaanong o nne thata, wena Serubabele,’ go bua Jehofa. ‘O nne thata, le wena Jošua, morwa Jehosatake, moperesiti yo mogolo; le lona lo nne thata, lona lotlhe batho ba lefatshe,’ go bua Jehofa, ‘lo dire, gonne ke na le lona,’ go bua Jehofa wa masomosomo.