YouVersion Logo
Search Icon

2 SAMUELE 1

1
Dafite o utlwalela loso lwa ga Saule
1Ga dirala e rile morago ga loso lwa ga Saule, Dafite a sena go hulara kwa go bolayeng Baamaleke, Dafite a bo a bile a tlhotse malatsi a le mabedi mo Sikelage; 2ga dirala, ya re ka letsatsi la boraro, ga tla motho a tswa kwa bothibelelong jwa ga Saule, diaparo tsa gagwe di gagogile, le mmu o le mo tlhogong ya gagwe; ga nna jaana, ya re a fitlha kwa go Dafite a wela fa fatshe, a ikoba. 3Dafite a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme a mo raya a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa Baiseraele.”
4Dafite a mo raya a re: “Go ile ga nna jang? Ke a go rapela, a ko o mpolelele.” A mo fetola a re: “Batho ba tshabile mo ntweng, le gone batho ba le bantsi ba ole ba sule; boSaule le Jonathane morwawe le bone ba sule.”
5Dafite a raya motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “O itse jang fa Saule le Jonathane morwawe ba sule?”
6 Motho wa lekau yo o mmolelelang a re: “Ka tshogana ka ke le mo thabeng ya Gileboa, ka fitlhela Saule a itlhabeditse ka lerumo la gagwe; mme bona, ka fitlhela dikara le bapalama dipitse ba mo konateletse ka thata. 7O rile a gadima a mpona a mpitsa. Ka araba ka re: ‘Ke fano.’ 8A nthaya a re: ‘O mang?’ Ka mo raya ka re: ‘Ke Moamaleke.’ 9A nthaya a re: ‘Ke a go rapela, a ko o eme fa go nna o mpolaye, gonne ke tshwerwe ke sedidi ka go bo botshelo jwa me bo sa le mmogo mo go nna.’ 10Ka ema fa go ene, ka mmolaya, ka ke ne ke itse sentle fa a sa ka ke a tshela a sena go wa; ka tsaya serwalo se se mo tlhogong ya gagwe, le mofitshana mo letsogong la gagwe, ke di lerile kwano go morena wa me.”
11Foo Dafite a itshwara diaparo, a di gagola, le banna botlhe ba o nang nabo ba dira jalo. 12Ba hutsafala, ba lela, ba ba ba ikitsa go ja go ya maitseboeng, ka ga Saule le ka ga Jonathane, le ka ga batho ba ga Jehofa, le ka ga ntlo ya Iseraele; ka ba ole ka tšhaka.
13Dafite a raya motho wa lekau yo o mmoleletseng a re: “O mokae?” A mo fetola a re: “Ke morwa moeng, ke Moamaleke.”
14Dafite a mo raya a re: “Go ntse jang ka o se ka wa boifa go ntsha letsogo la gago wa bolaya motlodiwa wa ga Jehofa?” 15Dafite a bitsa lekau lengwe a re: “Mo atamele o mo wele.” Mme a mo itaya a swa. 16Dafita a mo raya a re: “A madi a gago a nne mo tlhogong ya gago; gonne molomo wa gago o supile ka ga gago, ka o re, O bolaile motlodiwa wa ga Jehofa.”
Dafite o lelela Saule le Jonathane
17Dafite a hutsafalela Saule le Jonathane morwawe ka khutsafalo e. 18 A raya batho a re ba rute bana ba Juta sefela sa bora; bonang se kwadilwe mo lokwalong lwa ga Jašare.
19A re:
“Iseraele we,
a bo kgalalelo ya gago e bolaetswe
mo mafelong a gago a a godimo!
Ana diganka di ole jang!
20Lo se ka lwa go bolela mo Gathe,
lo se ka lwa go utlwatsa
mo mebileng ya Ašekelone;
bomorwadia Bafilisitia
ba ka tla ba itumela,
bomorwadia bone ba ba sa rupang
ba ka tla ba ja koma.
21Lona dithaba tsa Gileboa,
a go se ne monyo,
le fa e le pula mo go lona,
le fa e le maota a ditshupelo;
gonne ke gone kwa thebe ya seganka
e latlhetsweng gone ka bobe,
thebe ya ga Saule,
jaaka ekete ke ya
yo o sa tlodiwang ka lookwane.
22Mo mading a ba ba bolailweng,
le mo mahureng a diganka,
bora jwa ga Jonathane
ga bo a ka jwa bowa fela,
le tšhaka ya ga Saule
ga e a ka ya bowa e iphotlhere fela.
23Saule le Jonathane
ba ne ba le bantle,
ba le natefo mo matshelong a bone,
le mo losong lwa bone
ba ne ba sa kgaogana;
ba ne ba le bofefo
bogolo go bontswi ba batona,
ba le thata bogolo go ditau.
24Lona bomorwadia Iseraele,
lelelang Saule yo o ne a lo apesa
bohibidu jo bo letlhololo
mo go kgatlhang,
a baya mekgabo ya gouta
mo diaparong tsa lona.
25Ana diganka di ole jang
mo gare ga tlhabano.
Jonathane o bolaetswe
mo mafelong a gago a a godimo.
26Ke mo tlalelong ka ga gago
Jonathane, mogolole;
mo go nna, o ntse o le natefo thata;
lorato lwa gago mo go nna
lo ne lo gakgamatsa
lo feta lorato lwa basadi.
27Ana diganka di ole jang,
le dibolao tsa ntwa
di nyeletse jang!”

Currently Selected:

2 SAMUELE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy