YouVersion Logo
Search Icon

1 SAMUELE 31

31
Loso lwa ga Saule le bomorwawe
(1 Ditiraf 10:1-12)
1Bafilisitia ba tlhabana le Baiseraele; mme banna ba Iseraele ba tshaba fa pele ga Bafilisitia, ba wa mo thabeng ya Gileboa ba bolailwe. 2Bafilisitia ba konatelela Saule thata le bomorwawe; mme Bafilisitia ba bolaya Jonathane, le Abinatabe, le Melekišue, bomorwa Saule. 3Tlhabano ya pitlaganya Saule thata, bahudi ka mara ba mo atamela; mme a tlhabakwa thata ke bahudi ka mara. 4Foo Saule a raya motshola dibolao tsa gagwe a re: “Somola tšhaka ya gago, o mphololetse ka yone; batho ba ba sa rupang ba, ba ka tla ba mphololetsa, mme ba ntshotla.” Mme motshola dibolao tsa gagwe a gana; gonne o ne a boifa thata. Ke gone Saule a tshwara tšhaka ya gagwe, a wela mo go yone. 5E rile motshola dibolao tsa gagwe a bona fa Saule a sule, le ene a wela mo tšhakeng ya gagwe, a swa nae. 6Jalo Saule a swa le bomorwawe ba bararo, le motshola dibolao tsa gagwe, le banna botlhe ba gagwe mmogo, ka tsatsi leo fela. 7Banna ba Iseraele ba ba kwa moseja ga molapo le ba ba kwa moseja ga Joretane, ba rile ba bona fa banna ba Iseraele ba tshaba, le go re Saule le bomorwawe ba sule, ba tlogela metse ya bone, ba tshaba; mme Bafilisitia ba tla go aga mo go yone.
8Ga dirala ka moso, e rile Bafilisitia ba tla go apola ba ba bolailweng, ba fitlhela Saule le bomorwawe ba bararo ba ole mo thabeng ya Gileboa. 9Ba mo kgaola tlhogo, ba mo apola dibolao, ba roma mo lefatsheng la Bafilisitia mo tikologong, ba isa mafoko kwa ntlong ya medimo ya bone ya disetwa, le mo bathong. 10Ba tsenya dibolao tsa gagwe mo ntlong ya boAšetarothe; ba kokothela mmele wa gagwe mo lorakong lwa Bethešane. 11Mme e rile banni ba Jabeše-gileate ba utlwa ka ga gagwe se Bafilisitia ba se diretseng Saule, 12banna ba ba pelokgale botlhe ba nanoga, ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, ba ya ba tlosa mmele wa ga Saule le mebele ya bomorwawe mo lorakong lwa Bethešane; ba tla mo Jabeše, ba e fisa gone. 13Ba tsaya marapo a bone, ba a fitlha fa tlase ga setlhare sa motamariseka mo Jabeše, mme ba ikitsa go ja ka malatsi a supa.

Currently Selected:

1 SAMUELE 31: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy