YouVersion Logo
Search Icon

2 SAMUELE 2

2
Dafite o tlhongwa kgosi ya Juta
1Ya re morago ga moo, Dafite a botsa mo go Jehofa a re: “A ke ke ye kwa metseng mengwe ya Juta?” Jehofa a mo raya a re: “Ya.” Dafite a re: “Ke tlaa ya kae?” Mme a re: “Kwa Heberone.” 2 Jalo Dafite a ya gone, le basadi ba gagwe ba babedi, Ahinoame wa Mojesereele, le Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaremele. 3Le banna ba gagwe ba ba nang nae Dafite a ya nabo, mongwe le mongwe a na le ba ntlo ya gagwe; mme ba aga mo metseng ya Heberone. 4 Banna ba Juta ba tla ba tlotsa Dafite gone, gore a nne kgosi ya ba kgotla ya ga Juta. Ba bolelela Dafite ba re: “Banna ba Jabeše-gileate ke bone ba ba fitlhileng Saule.” 5Dafite a roma batho kwa banneng ba Jabeše-gileate, a ba raya a re: “Lo segofadiwe ke Jehofa ka lo diretse morena wa lona, e bong Saule, bopelonomi jo, lwa mo fitlha. 6Jaana a Jehofa a nne bopelonomi le boammaaruri mo go lona; le nna ke tlaa lo lefela bopelonomi jo, ka lo dirile selo se. 7Jaana a mabogo a lona a nne thata, lo bo lo nne pelokgale; gonne Saule morena wa lona o sule, le gone ba kgotla ya ga Juta ba ntloditse, gore ke nne kgosi ya bone.”
Išibošethe o dirwa kgosi ya Iseraele
8Jaana Abenere morwa Nere, molaodi wa ntwa ya ga Saule, o ne a tshotse Išibošethe morwa Saule, a mo isitse kwa Mahanaime; 9a mo dirile kgosi ya Gileate, le ya Baašure, le ya Jesereele, le ya Eferaime le ya Baiseraele botlhe. 10Išibošethe morwa Saule a bo a le dinyaga di le 40 fa a simolola go busa Baiseraele, mme a busa ka dinyaga di le pedi. Ba kgotla ya ga Juta ba sala Dafite morago. 11Lobaka lwa fa Dafite a le kgosi mo Heberone ya ba kgotla ya ga Juta, e ne e le dinyaga di supa le dikgwedi di le thataro.
Ntwa fa gare ga Iseraele le Juta
12Abenere morwa Nere, a bo a na le batlhanka ba ga Išibošethe morwa Saule, a tswa Mahanaime a ya Gibeone. 13Joabe morwa Seruja a na le batlhanka ba ga Dafite, a tswa a kopana nabo fa lekadibeng la Gibeone; mme ba dula, mongwe ka fa ntlheng nngwe ya lekadiba, yo mongwe ka fa ntlheng e nngwe ya lekadiba. 14Abenere a raya Joabe a re: “Ke a go rapela, a makau a nanoge, a tshameke fa pele ga rona.” Joabe a re: “A ba nanoge.”
15Foo ba nanoga, ba kgabaganya ka go balwa; boora Benjamine, le boora Išibošethe morwa Saule, ba le 12, le batlhanka ba ga Dafite ba le 12. 16Ba tshwaragana ka ditlhogo, mongwe le mongwe a tshwara yo o lebaganyeng nae, ba sotlhetsana ditšhaka mo ditlhakoreng; ba wa mmogo; ke gone ka moo felo foo ga bidiwa ga twe, Helekathe-hasurime, o mo Gibeone.
17Tlhabano e ne e le botlhoko thata ka tsatsi leo; mme Abenere a fenngwa le banna ba Iseraele, fa pele ga batlhanka ba ga Dafite. 18Bomorwa Seruja boo bararo ba bo ba le gone, e bong Joabe le Abisai le Asahele; Asahele a bo a le maoto a a bofefo jaaka phologolo ya naga. 19Asahele a konatelela Abenere; ya re a tsamaya a se ka a fapogela ka fa go le legolo le fa e le ka fa go la molema a ntse a setse Abenere morago. 20Foo Abenere a gadima a re: “A ke wena, Asahele?” Mme a araba a re: “Ke nna.”
21Abenere a mo raya a re: “Fapogela ntlheng ya le legolo kgotsa ya la molema, o tshware mongwe wa makau o tseye dibolao tsa gagwe.” Asahele a gana go fapoga mo go saleng ene morago. 22Abenere a fela a raya Asahele gape a re: “Fapoga tlhe mo go ntshaleng morago; ana nka bo ke go itaanyetsang mo mmung? Jalo ke ne ke tlaa iponatsa jang mo go Joabe mogoloo?” 23Mme le fa go ntse jalo a gana go fapoga; mme ka ntlha ya gone moo Abenere a mo swatlha mo mogodung ka ntlha ya theku ya lerumo la gagwe, mme lerumo la ya go tswa ka fa motlhaneng wa gagwe; mme a wela foo, a swela gone felong foo; ga dirala ya re botlhe ba ba fitlhang gone fa Asahele o wetseng a swela gone, ba ema.
24Joabe le Abisai ba konatelela Abenere; letsatsi la ba phirimela ba fitlha fa thabeng ya Ama, e e lebaganyeng le Gia mo tseleng ya naga ya Gibeone. 25Bana ba Benjamine ba phuthegela go Abenere, ba nna lesomo le le lengwe fela, ba ya ba ema mo godimo ga thaba nngwe. 26Foo Abenere a tlhaeletsa Joabe a re: “A tšhaka e tlaa ja ka bosakhutleng? A ga o itse fa go tlaa nna botlhoko kwa bokhutlong? E tlaa nna lobaka lo lo kae, o ntse o sa reye batho gore ba boe mo go lelekeng ba ga bone?”
27Joabe a re: “Jaaka Modimo o tshedile, fa o ka bo o ne o se ka wa bua, ruri batho ba ka bo ba sa le ba tsamaya ka moso, mongwe le mongwe o ka bo a se ka a leleka ngwana a rraagwe.” 28Joabe a letsa lonaka, batho botlhe ba ema, ba se ka ba tlhola ba konatelela Baiseraele, le gone ba se ka ba tlhola ba tlhabana.
29Abenere le banna ba gagwe ba lala ba tsamaya bosigo joo jotlhe ba raletse Areba; ba kgabaganya Joretane, ba ralala lefatshe lotlhe la Bitherone, ba fitlha mo Mahanaime.
30Joabe a boa kwa go lelekeng Abenere; e rile a sena go phutha batho botlhe ga tlhokafala batlhanka ba ga Dafite ba le 19, le Asahele. 31Batlhanka ba ga Dafite ba ne ba kgemethile boora Benjamine, le banna ba ga Abenere, ga tsamaya ga a swa banna ba le 360. 32Ba tsaya Asahele ba mo fitlha mo phupung ya ga rraagwe, e e neng e le mo Bethelehema. Joabe le banna ba gagwe ba lala ba tsamaya bosigo jotlhe, mme ba selwa kwa Heberone.

Currently Selected:

2 SAMUELE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy