YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 5

5
Go ruanngwa le Modimo. Kagiso e e tlang ka tumelo
1Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete; 2ka ene re bile re bonye tsela ya go fitlha ka tumelo mo bopelotlhomoging joo, jo re emeng mo go jona, e bile re ipoka ka go solofela kgalalelo ya Modimo. 3Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko, 4boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo, 5mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo tshetswe mo dipelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng.
6Gonne e rile re le bokoa, Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng. 7Kana go thata gore mongwe a swele mosiami; motlhaope mongwe a ka beta pelo, a swela yo o molemo. 8Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi. 9Jaanong e re ka re siamisitswe ka madi a gagwe, bogolo jang ne re tla pholosiwa ke ene mo bogaleng! 10Gonne fa re ne ra ruanngwa le Modimo ka loso lwa Morwaa-ona re le baba, re tla pholosiwa bogolo jang ne ka botshelo jwa gagwe, ka re le ba ba ruantsweng! 11Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene.
Bopelotlhomogi le botshelo di tsile ka motho a le mongwe fela, fela jaaka boleo le loso
12Ka moo he, boleo bo tsenye mo lefatsheng ka motho a le mongwe fela, le loso ka boleo, mme loso lwa phololela jalo mo bathong botlhe, ka ba leofile botlhe. 13Kana boleo bo ne bo le mo lefatsheng go fitlha nakong ya molao; mme boleo ga bo kaiwe molato, fa molao o se yo.
14Le fa go ntse jalo, go tloga ka Atame go ya kwa go Moše loso lo ne lo ntse lo laola le mo go bone ba ba se kang ba leofa ka mokgwa o o tshwanang le tlolo ya ga Atame yo e leng sekao sa yo o tla tlang. 15Mme fela neo ya bopelotlhomogi ga e a nna jaaka boleo; gonne fa ba bantsi ba sule ka boleo jwa a le mongwe fela, bopelotlhomogi jwa Modimo le neo tse di senogileng ka bopelotlhomogi jwa motho a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete, kana tsona di atiseditswe ba le bantsi bogolo thata jang ne! 16Gape neo ga e tle jaaka go tsile tshenyego ka a le mongwe yo o leofileng; gonne tshekiso e lebile a le mongwe fela, e isa katlholelong ya petso, mme neo ya bopelotlhomogi e lebile ditlolo di le dintsi, e isa tshiamisong. 17Gonne fa loso lo ne lo busa ka tlolo ya a le mongwe fela, e bong ka a le mongwe yoo, ba ba amogelang letlotlo la bopelotlhomogi le la neo ya tshiamo bone ba tla busa bogolo jang ne bophelong ka a le mongwe fela, e bong Jesu Keresete!
18Ka moo he, tshiamiso ya bophelo e tsile mo bathong botlhe ka tiro e le nngwe ya tshiamo, jaaka katlholelopetso e ne e tsile mo bathong ka tlolo e le nngwe fela; 19gonne batho ba le bantsi ba tla direga basiami ka kutlo ya a le mongwe fela, jaaka ba bantsi ba ne ba diregile baleofi ka go sa utlweng ga motho a le mongwe fela.
20Mme molao o tsenye fa gare gore tlolo e ntsifale, mme kwa tlolo e atileng teng, ke kwa bopelotlhomogi bo atileng teng bogolobogolo, 21gore bopelotlhomogi bo tle bo buse ka tshiamo go isa kwa bophelong jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete, Morena wa rona, jaaka boleo bo busitse ka loso.

Currently Selected:

BAROMA 5: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy