1
BAROMA 5:8
Setswana 1970
Mme Modimo o supile lorato lo o re ratang ka lone, ka Keresete a re swetse, re ntse re le baleofi.
Compare
Explore BAROMA 5:8
2
BAROMA 5:5
mme tsholofelo ga e tlhabise ditlhong; gonne lorato lwa Modimo lo tshetswe mo dipelong tsa rona ka Mowa o o Boitshepo o re o neilweng.
Explore BAROMA 5:5
3
BAROMA 5:3-4
Mme e seng gona fela, e bile re ipoka ka ditlalelo, ka re itse gore tlalelo e dira boitshoko, boitshoko bo dira boikanyego, boikanyego bo dira tsholofelo
Explore BAROMA 5:3-4
4
BAROMA 5:1-2
Jaanong ka re siamisitswe ka tumelo, re na le kagiso le Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete; ka ene re bile re bonye tsela ya go fitlha ka tumelo mo bopelotlhomoging joo, jo re emeng mo go jona, e bile re ipoka ka go solofela kgalalelo ya Modimo.
Explore BAROMA 5:1-2
5
BAROMA 5:6
Gonne e rile re le bokoa, Keresete a swela rona baikepi ka nako ya teng.
Explore BAROMA 5:6
6
BAROMA 5:9
Jaanong e re ka re siamisitswe ka madi a gagwe, bogolo jang ne re tla pholosiwa ke ene mo bogaleng!
Explore BAROMA 5:9
7
BAROMA 5:19
gonne batho ba le bantsi ba tla direga basiami ka kutlo ya a le mongwe fela, jaaka ba bantsi ba ne ba diregile baleofi ka go sa utlweng ga motho a le mongwe fela.
Explore BAROMA 5:19
8
BAROMA 5:11
Mme ga se gona fela, e bile re ipoka ka Modimo ka Morena wa rona Jesu Keresete yo jaanong re amogetseng thuanyo ka ene.
Explore BAROMA 5:11
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos