YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 14

14
Dinaga tsa ntlheng ya bophirimatsatsi ya Joretane di a kgaoganngwa
1Dinaga ke tse, tse Baiseraele ba di amogetseng go nna boswa mo lefatsheng la Kanana tse ba di abetsweng ke moperesiti Eleasare le Jošua morwa Nune le ditlhogo tsa dikgotla tsa ditso tsa Baiseraele. 2Ba ba abela dinaga tsa bone ka tengwa jaaka Morena a ne a laotse ka Moše gore ba di nee ditso tse di le robongwe le bontlhanngwe jwa lotso. 3Gonne Moše o ne a neile ditso tse pedi le bontlhanngwe jwa lotso boswa kwa moseja ga Joretane, mme a se ka a naya Balefi boswa mo gare ga bone. 4Gonne Bajosefa e ne e le ditso tse pedi, Manase le Eferaime, mme ba se ka ba naya Balefi kabelo ya naga fa e se metse ya go nna mo go yona le mafulo a diruiwa tsa bone le ditsha tsa di-tsa-bone. 5Baiseraele ba kgaogana lefatshe jalo, ba dira jaaka Morena a laotse Moše.
Kalebe o fiwa Heberone
6Bajuta ba kile ba atamela kwa go Jošua mo Gilegala, mme Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi a mo raya a re: “O itse lefoko ka wesi le Morena o le buileng le Moše, monna wa Modimo, ka ntlha ya me le ka ntlha ya gago kwa Kateše-Barenea. 7E rile Moše motlhanka wa Morena a nthoma go tswa kwa Kateše-Barenea go ya go tlhola lefatshe le, ka bo ke le dinyaga di le 40; ya re ke boa, ka mmegela ka fa ke ikutlwang ka teng mo pelong. 8Mme bomorwa-rre ba ba neng ba ile le nna ba nyemisa morafe moko, mme nna ka latela Morena, Modimo wa me, ka botlalo. 9Ke fa Moše a ikana ka letsatsi leo a re: ‘Ruri, lefatshe le dinao tsa gago di gatileng mo go lone e tla nna la gago le la bana ba gago go nna boswa ka bosakhutleng; ka gonne o latetse Morena, Modimo wa me, ka botlalo.’ 10Mme jaanong bona, Morena o mphedisitse jaaka a ntsholofeditse, e setse e le dinyaga di le 45 go tloga foo, fa Morena a laola Moše lefoko leo, Baiseraele ba ntse ba sepela mo sekakeng. Bona, nna kajeno ke na le dinyaga di le 85. 11Ke sa ntse ke tiile kajeno jaaka ka letsatsi le Moše o ne a nthomile ka lone; thata ya me ya jaanong e sa ntse e tshwana le thata ya metlha ele go ka tlhabana le go bolola le go goroga. 12Jaanong he, a ko o mphe dithaba tse Morena o buileng ka ga tsona ka letsatsi lele; gonne o utlwile ka wesi ka letsatsi lele gore go na le Baenake le metse e megolo e e femetsweng; ka gongwe Morena o tla nna le nna gore ke ba leleke jaaka Morena a solofeditse.”
13Ke fa Jošua a mo tshegofatsa, a naya Kalebe morwa Jefune Heberone go nna boswa. 14Ke ka moo Heberone e leng boswa jwa ga Kalebe morwa Jefune wa Mokenisi go fitlha letsatsing leno; ka gonne o ne a latetse Morena, Modimo wa Iseraele, ka botlalo. 15Mme leina la Heberone e ne e le motse wa ga Areba pele ga foo; ene e ne e le motho yo mogolo mo go Baenake.
Jaanong lefatshe la ikhutsa, le se na ntwa.

Currently Selected:

JOŠUA 14: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy