YouVersion Logo
Search Icon

JOŠUA 13

13
Lefatshe le le iseng le thopiwe
1E rile Jošua a sena go tsofala, a le dinyaga-dintsi, Morena a mo raya a re: “Wena o tsofetse, o dinyaga-dintsi. Mme go sa ntse go setse lefatshe le legolo thata le le tshwanetseng go thopiwa. 2Lefatshe le le setseng ke le: Ke dinaga tsotlhe tsa Bafelesita le tsa Bakesure tsotlhe 3go tloga kwa nokeng ya Sigore e e fa thoko ga Egepeto go ya kwa nageng ya Ekerone kwa bokone e e balelwang Bakanana e bong naga ya dikgosi tse tlhano tsa Bafelesita ya Gasa le ya Ašetote le ya Ašekalone le ya Gathe le ya Ekerone, le dinaga tsa Baawi 4kwa borwa. Go setse le lefatshe lotlhe la Bakanana le Meara yo e leng wa Basitone go ya kwa Afeke go ya kwa molelwaneng wa Baamori 5le lefatshe la Bagebale le Lebanone yotlhe mo ntlheng ya botlhabatsatsi go tloga kwa Baale-Gate fa tlase ga thaba ya Heremone go ya go fitlha kwa Hamathe. 6Go setse le baagi botlhe ba dithaba go tloga kwa Lebanone go ya kwa metsweding ya metsi a a bolelo. Basitone botlhe ke tla ba leleka fa pele ga Baiseraele. Fela naga ya bone o e abele Baiseraele jaanong ka tengwa go nna boswa jaaka ke go laetse. 7Jaanong kgaoganya lefatshe le go nna boswa jwa ditso tse di le robongwe le jwa bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase.”
Kgaogano ya lefatshe le le ntlheng ya botlhabatsatsi ya Joretane
8Gonne bontlhanngwe jo bongwe jwa Manase bo amogetse boswa jwa bone mmogo le Barubene le Bagate, jo Moše o bo ba neileng kwa moseja ga Joretane go ya kwa botlhabatsatsi ka fa Moše motlhanka wa Morena a ba neileng ka teng: 9Go tloga kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone le motse o o mo gare ga molapo le loboa lotlhe go tswa kwa Meteba go ya kwa Dibone 10le metse yotlhe ya ga Sihone kgosi ya Baamori yo o neng a busa mo Hešebone go ya molelwaneng wa Baamone 11le Gileate le naga ya Bakesure le ya Bamaagatha le thaba yotlhe ya Heremone le Basane yotlhe go ya kwa Salega 12e le puso yotlhe ya ga Oge mo Basane yo o neng a busa mo Ašetharothe le mo Eterei. Ene o ne a setse e le wa masalela a Barefaime, bone Moše o ba bolaile, a ba leleka. 13Fela Baiseraele ga ba a ka ba leleka Bakesure le Bamaagatha, mme Bakesure le Bamaagatha ba ntse ba agile mo gare ga Baiseraele go fitlha letsatsing leno.
14Ke lotso lwa ga Lefi lo le losi fela lo Moše a se kang a lo naya boswa. Ditlhabelo tsa Morena, Modimo wa Iseraele, ke tsone boswa jwa lone jaaka a lo solofeditse.
Lefatshe la ga Rubene
15Moše a abela lotso lwa Barubene ka fa ditshikeng tsa lone. 16Se ba se abetsweng ke naga e e simologang kwa Aroere yo o fa losing lwa noka ya Arenone le kwa motseng o o mo gare ga molapo le leboa lotlhe go ya kwa Meteba 17le motse wa Hešebone le metse yotlhe ya ona e e mo leboeng: E bong Dibone le Bamothe-Baale le Bethe-Baale-Meone 18le Jahase le Ketemothe le Mefaathe 19le Khiriathaime le Sibema le Serethe-Šahare fa thabeng ya leboa 20le Bethe-Pheore le diphologelo tsa Phiseka le Bethe-Ješimothe 21le metse yotlhe ya leboa le puso yotlhe ya ga Sihone kgosi ya Baamori yo o neng a busa mo Hešebone, yo Moše o mo fentseng mmogo le dikgosana tsa Midiane, e bong Ewi le Rekeme le Sure le Hure le Reba, ba e neng e le dikgosana tsa ga Sihone tse di neng di agile mo lefatsheng le. 22Le Bileame wa moitseanape morwa Beore, Baiseraele ba mmolaile ka tšhaka mmogo le ba ba bolailweng bao. 23Molelwane wa Barubene e ne e le Joretane. Ke jona boswa jwa Barubene ka fa ditshikeng tsa bone; ke yona metse le metsana ya teng.
Lefatshe la ga Gate
24Moše a abela lotso lwa Bagate ka fa ditshikeng tsa lone. 25Naga e ba e abetsweng ke Jasere le metse yotlhe ya Gileate le bontlhanngwe jwa lefatshe la Baamone go ya kwa Aroere yo o mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Raba 26le go tloga kwa Hešebone go ya kwa Ramathe-Mitsephe le kwa Betonime le go tloga kwa Mahanaime go ya kwa molelwaneng wa Letebire. 27Mo lebaleng la Joretane ba abelwa metse ya Bethe-Harame le Bethe-Nimera le Sukothe le Safone, mo e leng lesalela la puso ya ga Sihone kgosi ya Hešebone. Molelwane e ne e le Joretane go ya kwa bofelong jwa letsha la Khinerethe kwa moseja ga Joretane ntlheng ya botlhabatsatsi. 28Ke jona boswa jwa Bagate ka fa ditshikeng tsa bone; ke yona metse le metsana ya teng.
Lefatshe la bontlhanngwe jwa ga Manase
29Moše a abela bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase; se bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase bo se abetsweng ka fa ditshikeng tsa bona ke se: 30Naga ya bone e ne e le Basane yotlhe go simolola kwa Mahanaime, e le puso yotlhe ya ga Oge kgosi ya Basane le metsana yotlhe ya ga Jaire e e mo Basane, metse e le 60; 31le bontlhanngwe jwa Gileate le Ašetharothe le Eterei yona metse ya puso ya ga Oge mo Basane. Ke yona naga ya bomorwa Magire morwa Manase; ke ya bontlhanngwe jwa bomorwa Magire ka fa ditshikeng tsa bone.
32Ke tsona dinaga tse Moše o neng a di ba abela a le kwa mabaleng a Moabe kwa moseja ga Joretane, fa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi. 33Mme ba lotso lwa ga Lefi Moše a se ka a ba naya boswa. Morena Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone jaaka a ba solofeditse.

Currently Selected:

JOŠUA 13: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy