YouVersion Logo
Search Icon

JEREMIA 3

3
Boikanyologo jwa Baiseraele
1“Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe, mme ene a mo tlogela, a nyalwa ke monna yo mongwe, a mosadi o ka boela gape kwa go ene? A lefatshe leo ga le kitla le itshekologa tota? Jaanong wena o dirile boaka le dinyatsi tse dintsi. A o a re o boela kwa go nna?” Go botsa Morena. 2“Tsholeletsa matlho kwa dithabaneng tse di iphotlhereng, o bone gore ke fa kae, fa o sa tlotlolelwang teng? O ne o ba nnela fa ditseleng jaaka Moarabia mo sekakeng, o itshekolola lefatshe ka boaka jwa gago le ka bosula jwa gago. 3Mme le fa dipula di thibilwe le kgogolamoko e se teng, o ne o na le sefatlhego sa boaka; o ganne go tlhajwa ke ditlhong.
4“A ga se gona o mpitsang o re: ‘Rra, o tsala ya bošwa jwa me’? 5O a re: ‘A o tla nna bogale ka bosakhutleng le go bo boloka ka gale?’ – Bona, o buile jalo, mme o dirile tse di bosula, ka fa o kgonang ka teng.”
Iseraele le Juta ba tshwanetse go ikwatlhaya
6E rile ka malatsi a kgosi Josia Morena a nthaya a re: “A o bonye se Iseraele wa moikepi a se dirileng? Ene o ile kwa godimo ga thaba e kgolo nngwe le nngwe le fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, a dira boaka teng. 7Jaanong ya re a sena go dira tse tsotlhe tse, ka re, o tla boela kwa go nna, mme ga a ka a boa. Mme Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a bona tseo. 8Mme le fa ke ne ke tlhadile Iseraele wa moikepi ka ntlha ya tsotlhe tse a sentseng nyalo ka tsona, le go mo naya lokwalo lwa tlhalo, ka fitlhela Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, a sa boife, mme a ya, a dira boaka le ene. 9A itshekolola lefatshe ka boaka jwa pelo e e botlhofo ya gagwe, a senya nyalo ka go ineela kota le lefika. 10Mme le fa tsotlhe tseo di ntse jalo, Juta mogolowe, yo o seng boikanyo, ga a ka a boela kwa go nna ka pelo yotlhe, mme e le ka bolotsana fela.” Morena a re jalo.
11Mme Morena a nthaya a re: “Iseraele wa moikepi o itshupile a siame bogolo go Juta yo o seng boikanyo. 12Tsamaya o kuele mafoko a kwa bokone o re: ‘Iseraele wa moikepi, boa! Go bitsa Morena.’ Ga nkitla ke lo leba ke tlhontse sefatlhego, gonne ke bopelotlhomogi; ga nka ke ka galefela ruri. Morena o buile jalo. 13Fela o ipone molato, fa o ikepile mo Moreneng, Modimo wa gago, wa ineela medimo e sele thata fa tlase ga setlhare sengwe le sengwe se setala, mme lwa se ka lwa utlwa lentswe la me,” go bua Morena.
14“Boang, lona bomorwaaka ba lo tenegileng!” Go bitsa Morena. “Gonne ke nna Morena wa lona. Ke tla lo tsaya, mongwe mo motseng, ba le babedi mo lotsong, ke lo tlisa kwano Sione. 15Ke tla lo naya badisa ba ba lo fudisang ka temogo le ka botlhale ka fa pelo ya me e ratang ka teng.” 16Morena a re: “E tla re ka malatsi ao fa lo sena go ntsifala le go ata mo lefatsheng, go se ke go tlhole go buiwa ka ga Letlole la Kgolagano ya Morena, le e seng go le gakologelwa ka pelo, le e seng go le elelelwa, le e seng go le tlhologelelwa, le e seng go le dira gape. 17Ka sebaka seo Jerusalema o tla bidiwa ‘Sedulo sa bogosi sa Morena’. Ditšhaba tsotlhe di tla phuthegela teng kwa Jerusalema ka ntlha ya leina la Morena, di sa tlhole di latela bogwadi jwa dipelo tse di bosula tsa bone. 18Ka malatsi ao Bajuta ba tla goga le Baiseraele, ba tswa mmogo kwa lefatsheng la bokone, ba boela kwano lefatsheng le ke le abetseng borraeno boswa.
Morafe wa Modimo o obamela medimo e sele
19“Kana nna ke ne ke re:
‘Ke tla go tshola jaaka morwaake,
ke go naya lefatshe
le le eletsegang,
e leng boswa jo bontlentle
go phala jwa ditšhaba;
ka ba ka re:
O tla mpitsa o re: “Rra,”
o sa ikepe mo go nna.
20Mme ruri,
lona ba lotso lwa Iseraele,
lo ntlogetse ka boikanyologo
jaaka mosadi a tlogela monna
wa gagwe ka boikanyologo,’
go bua Morena.”
21“Utlwelela! Go utlwala selelo
le mekokotlelo ya Baiseraele
kwa dithabeng
tse di iphotlhereng,
ka gore ba tsamaile
mo ditseleng tse di sokameng,
ba lebala Morena,
Modimo wa bone.
22Boang, lona bomorwaaka
ba lo tenegileng!
Ke tla alafa boikepo jwa lona!” –
“Re fano, re e tla kwa go wena. Gonne o Morena, Modimo wa rona. 23Ruri, tsa kwa dithabaneng le tlhodio e e kwa dithabeng ke tsietso fela. Ruri pholoso ya Iseraele e mo Moreneng, Modimo wa rona. 24Modimo-wa-botlhabisa-ditlhong o jele dilo tsa borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona, le dinku tsa bone le dikgomo tsa bone le bomorwaa-bone le bomorwadia-bone. 25A re itelegeng mo ditlhonnye tsa rona! A nyatsego ya rona e re khurumetse! Gonne re leofetse Morena, Modimo wa rona, rona le borraetsho go tswa bonyaneng jwa rona go fitlha letsatsing la kajeno, mme ra se ka ra utlwa lentswe la Morena, Modimo wa rona.”

Currently Selected:

JEREMIA 3: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy