YouVersion Logo
Search Icon

JEREMIA 2

2
Modimo o tlhokomela Baiseraele
1Lefoko la Morena le tsile kwa go nna la re: 2“Yaa o rere mo ditsebeng tsa Jerusalema o re:
“ ‘Morena o bua jaana a re:
Ke gakologelwa bopelonomi
jwa bošwa jwa gago
le lorato lwa gago,
fa o sa ntse o beeletswe,
o ntatela mo sekakeng,
mo nageng fa go sa jwalweng
teng.
3Iseraele o ne a itshepetse
Morena,
e le letlhafula la kotulo ya gagwe.
Botlhe ba ba neng ba le ja
ba dira molato;
tatlhego ya ba wela.’
Morena o buile jalo.”
Molato wa Baiseraele ba pele
4Utlwang lefoko la Morena,
ba ntlo ya ga Jakobe,
le lona ditso tsotlhe
tsa ntlo ya Iseraele!
5 Morena o bua jaana a re:
“Borraeno ba ne ba bonye
molato ofe mo go nna,
fa ba nkatoga,
ba latela medimo ya boithamako,
mme ba fetoga boithamako
ka bosi?
6Ga ba a ka ba botsa ba re:
Morena o kae, yo o re
ntshitseng kwa lefatsheng
la Egepeto,
a re etelela pele mo sekakeng,
mo nageng e e senya
ya mangope,
mo nageng ya komelelo,
ya lefifi le le kwenneng,
mo nageng e e sa ralalweng
ke ope,
kwa batho ba sa nneng teng?’
7Ke lo tlisitse mo lefatsheng
la masimo a ditlhare
tse di ungwang
gore lo je maungo a lone
le dijo tse di molemo tsa lone.
Mme e rile lo sena go tsena,
lwa itshepolola lefatshe la me,
lwa fetola boswa jwa me maila.
8Baperesiti ga ba a ka ba botsa
ba re: ‘Morena o kae?’
Baokamedi ba molao
ba ne ba sa nkitse;
badisa ba ikepa mo go nna;
baporofeti ba rera ka ga Baale,
ba latela medimo
e e sa thuseng sepe.
Tsheko ya Morena le morafe wa gagwe
9“Ka moo ke tla seka gape
le lona,”
go bua Morena;
“ke tla seka le bana ba bana
ba lona.
10Tshelelang kwa ditlhakatlhakeng
tsa Bakhithime, lo tlhole;
romang kwa Ketare,
lo tlhokomele thata,
lo bone gore,
a tse di ntseng jaana
di kile tsa dirafala?
11A setšhaba se kile sa ananya
medimo ya sona,
le fa yona e se medimo?
Mme morafe wa me o anantse
kgalalelo ya ona ka ntlha ya dilo
tse di sa thuseng sepe.
12Lona magodimo,
silofalang ka ntlha ya tseo,
lo sisimoge, lo rerege thata!”
Go bua Morena.
13“Gonne morafe wa me o dirile
masula a mabedi:
Ba ntlogetse ke le motswedi
wa metsi a a phelang,
ba ya ba ikgabela dikgatampi,
e leng dikgatampi
tse di phanyegileng,
tse di sa tshwareng metsi.
Boikanyologo jwa Baiseraele
14“A Iseraele ke lekgoba?
Gongwe a o tsaletswe
mo bokgobeng?
Ke ka ntlhaang, fa a thopilwe?
15Ditau di ne tsa mo rorela,
tsa utlwatsa modumo wa tsona.
Tsa fetola lefatshe la gagwe
sekaka,
tsa senya metse ya gagwe,
ya nna marope fela
a a se nang moagi.
16Batho ba Nofe
le ba Thagephanese
le bone ba tla go kuta tlhogo.
17A ga o a itirela tseo ka wesi
ka go tlogela Morena,
Modimo wa gago,
motlhang a go tsamaisang
mo tseleng?
18Jaanong go ya kwa Egepeto
le go nwa metsi a Nile
go go thusa eng?
Go ya kwa Asiria
le go nwa metsi a Ferathe
go go thusa eng?
19Bosula jwa gago bo tla go otla,
boikepo jwa gago bo tla go betsa.
Lemoga o bone
gore ke botlhoko jo bo galakang,
fa o tlogela Morena,
Modimo wa gago,
o sa mpoife, go bua Morena,
Modimo wa masomosomo.
Baiseraele ba gana go obamela Morena
20“Gonne ga o bolo go roba
joko ya gago le go kgaola dikgole
tsa gago wa re:
‘Ga ke rate go go direla.’
Gonne o ntse o ithobatsa fatshe
o le seaka mo dithabaneng
tsotlhe tse di godimo
le fa tlase ga setlhare sengwe
le sengwe se setala.
21Mme nna ke ne ke go tlhomile
o le moweine o montlentle,
o le peo ya nnete tota.
Jaanong o mphetogetse jang
go nna matlhogela a moweine
wa naga?
22Ee, le fa o ka tlhapa ka molora,
wa tsaya sesepa se sentsi,
setshubaba sa molato wa gago
se ntse se bonala fa pele ga me.”
Morena Modimo o buile jalo.
23“O ka bua jang o a re:
‘Ga ke a itshekologa,
ga ke a latela boBaale’?
Bona tsela ya gago
mo mogorogorong,
ipone se o se dirileng!
O kammele e namagadi
e e lemaletseng
e e tlolaganyang ditsela tsa yona.
24O esele ya nageng e namagadi
e e tlwaetseng sekaka
e e hupelang mowa mo keletsong
e kgolo ya yona.
Fa e lemaletse,
ke mang yo o ka e busang?
Botlhe ba ba e batlang
ga ba na go itapisa.
Ba tla e bona fela
mo kgweding ya yona.
25Thibela dinao tsa gago
gore ditlhako tsa gago
di se ka tsa tšhomoga,
le mometso wa gago
gore o se ka wa oma.
Mme o a re: ‘Ga go kgonege!
Nnyaya! Kana ke rata baeng,
ke tla ba latela.’
Baiseraele ba tshwanetswe ke petso
26“Legodu le tlhajwa ke ditlhong, fa le tshwarwa; Baiseraele ba tla tlhajwa ke ditlhong jalo, bone le dikgosi tsa bone le dikgosana tsa bone le baperesiti ba bone le baporofeti ba bone; 27ba ba rayang kota ba re: ‘O rraetsho!’ le lefika ba re: ‘O re tsetse!’ Gonne ba nkhularetse, ba sa ntebe. Mme e re ba le mo tlalelong, ba bitse ba re: ‘Tsoga, o re thuse!’
28“Medimo ya gago e kae e o e itiretseng? A e tsoge, fa e itse go go thusa mo sebakeng sa tlalelo ya gago. Gonne palo ya metse ya gago e lekana le palo ya medimo ya gago, Juta! 29Ke ka ntlhaang fa lo ganetsanya le nna? Lo ikepile mo go nna lotlhe.” Morena o buile jalo. 30“Bana ba lona ke ba iteetse lefelafela. Ga ba a amogela kgalemelo. Tšhaka ya lona e nyeleditse baporofeti ba lona jaaka tau e e gagolang. 31Kana lona lo losika lo lo ntseng jang? Lemogang Lefoko la Morena! A ke fetogetse Iseraele sekaka gongwe lefatshe le lentsho? Ke ka ntlhaang fa batho ba me ba re: ‘Re a itaola. Ga re kitla re tlhola re boela kwa go wena.’ 32A lekgarebe le lebala mokgabo wa lone? A monyalwa o lebala moitlamo wa gagwe? Mme batho ba me ga ba bolo go ntebala, e setse e le malatsi a a se nang palo. 33Tsela ya gago ya go batla lorato, o e itse sentle jang! Ke ka moo o itlwaeditseng tse di kgopo mo tsamaong ya gago. 34Le gona go fitlhetswe madi a bahumanegi ba ba se nang molato mo mejeng ya diaparo tsa gago, Iseraele, ba o sa ba fitlhelang ba thuba ntlo.
“Mme le fa go ntse jalo, 35wena o a re: ‘Ga ke na molato; kana bogale jwa gagwe bo boile mo go nna.’ ”
Mme Modimo o a re: “Bona, ke tla go sekisa ka ntlha ya puo ya gago e e reng: ‘Ga ke a leofa.’ 36Ke ka ntlhaang, fa o fetola tsela ya gago ka botlhofo fela? Egepeto le ene o tla go tlhabisa ditlhong jaaka Asiria a go tlhabisitse ditlhong. 37Le ene Egepeto o tla mo tlogela o ithwele megono; gonne Morena o ba latlhile ba wena o ba ikanyang. Ga o na o bona tlhogonolo epe ka bone.

Currently Selected:

JEREMIA 2: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy