YouVersion Logo
Search Icon

1 TIMOTHEO 6

6
Ditshwanelo tsa batlhanka
1Botlhe ba e leng batlhanka ba ba mo jokweng a ba kaye beng ba bone e le ba ba tshwanetsweng ke tlotlo yotlhe gore go se kgalwe leina la Modimo le thuto. 2Bone ba ba nang le beng ba ba dumelang a ba se ka ba ba tlhokisa tlotlo, ka e le badumedi-ka-bone, mme a ba ba direle bogolo; ka gonne ba ba amogelang tirelo e e molemo ke badumedi le barategi.
Dilo tseo o di ba rute, o ba laye.
Dikaelo le dikgakololo tse dingwe
3Fa motho a ruta dilo di sele, mme a sa dumalane le mafoko a a itekanetseng a Morena wa rona Jesu Keresete le thuto ya poifo-Modimo, 4o ikgogomositse a ntse a sa itse sepe, mme o na le bolwetse jwa dipotsolotso le jwa dikganetsanyo tse di tsalang lefufa le ntwa le dikgalo le dikgopolelo tse di bosula 5le diphapaang tse di sa feleng tsa batho ba ba senyegileng tlhaloganyo, ba ba amogilweng boammaaruri, ka ba itlhoma poifo-Modimo e le papadi.
6Papadi e kgolo ke poifo-Modimo e e nang le pelo e e thethebetseng. 7Gonne ga re a ka ra tsisa sepe mo lefatsheng, mme go bonala gore ga re ka ke ra ntsha sepe mo go lone. 8Mme fa re na le dijo le diaparo a go re lekane. 9Ba ba ratang go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosilo tse di senyang, tse di nwetsang batho mo tshenyegong le mo tatlhegong. 10Gonne bopelotshetlha ke modi wa masula otlhe; e rile batho bangwe ba ineela mo go jona, ba fapoga tumelo, ba itirela matlhoko a mantsi.
11Mme wena, motho wa Modimo, tshaba dilo tseo! O tsôtelele tshiamo le poifo-Modimo le tumelo le lorato le boitshoko le bopelonolo. 12Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, phamola bophelo jo bo sa khutleng jo o bo bileditsweng, wa ba wa ipolela boipolelo jo bo molemo fa pele ga basupi ba le bantsi. 13Ke go laya fa pele ga Modimo o o phedisang dilo tsotlhe le fa pele ga Keresete Jesu yo o supileng boipolelo jo bo molemo fa pele ga Pontio Pilato, 14ka re: Tshegetsa taolo eo ka mokgwa o o se nang sebala le nyatsego go fitlha ponatshegong ya Morena wa rona Jesu Keresete, 15e e tla bonatsiwang mo metlheng ya teng ke yo e leng Mmusi a le esi wa masego le Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena. 16Ke ene fela yo o nang le bosasweng, yo o agileng mo leseding le le sa ka keng la atamelwa, yo o iseng a ke a bonwe ke motho ope, yo o sa ka keng a bonwa ke ope. Ke ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo le puso e e sa khutleng. Amen.
17Bahumi ba lefatshe leno o ba laye gore ba se ka ba ikgodisa le e seng go ikanya khumo e e se nang tlhomamo, mme a ba solofele mo Modimong o o re abelang dilo tsotlhe ka botlalo gore di re jese monate. 18O be o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ka fa ditirong tse di molemo, ba itumelele go atswa le go abelana, 19ba be ba iphuthele mahumo a mothao o o siameng wa tse di tlang gore ba tle ba bone botshelo jwa nnete.
20Timotheo, boloka se o se neilweng, o thibogele dipalabalo tsa boithamako le dikganetsanyo tsa se se bidiwang kitso, etswe e se yona, 21e bangwe e rileng ba ineetse mo go yona, ba timela ntlheng ya tumelo.
A bopelotlhomogi bo nne le lona!

Currently Selected:

1 TIMOTHEO 6: TSW70

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy