1
1 TIMOTHEO 6:12
Setswana 1970
Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, phamola bophelo jo bo sa khutleng jo o bo bileditsweng, wa ba wa ipolela boipolelo jo bo molemo fa pele ga basupi ba le bantsi.
Compare
Explore 1 TIMOTHEO 6:12
2
1 TIMOTHEO 6:10
Gonne bopelotshetlha ke modi wa masula otlhe; e rile batho bangwe ba ineela mo go jona, ba fapoga tumelo, ba itirela matlhoko a mantsi.
Explore 1 TIMOTHEO 6:10
3
1 TIMOTHEO 6:6
Papadi e kgolo ke poifo-Modimo e e nang le pelo e e thethebetseng.
Explore 1 TIMOTHEO 6:6
4
1 TIMOTHEO 6:7
Gonne ga re a ka ra tsisa sepe mo lefatsheng, mme go bonala gore ga re ka ke ra ntsha sepe mo go lone.
Explore 1 TIMOTHEO 6:7
5
1 TIMOTHEO 6:17
Bahumi ba lefatshe leno o ba laye gore ba se ka ba ikgodisa le e seng go ikanya khumo e e se nang tlhomamo, mme a ba solofele mo Modimong o o re abelang dilo tsotlhe ka botlalo gore di re jese monate.
Explore 1 TIMOTHEO 6:17
6
1 TIMOTHEO 6:9
Ba ba ratang go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosilo tse di senyang, tse di nwetsang batho mo tshenyegong le mo tatlhegong.
Explore 1 TIMOTHEO 6:9
7
1 TIMOTHEO 6:18-19
O be o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ka fa ditirong tse di molemo, ba itumelele go atswa le go abelana, ba be ba iphuthele mahumo a mothao o o siameng wa tse di tlang gore ba tle ba bone botshelo jwa nnete.
Explore 1 TIMOTHEO 6:18-19
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos