Palamelang kwa thabeng, lo lere dikgong, lo age ntlo; mme ke tlaa ja monate ka ga yone, ke tlaa galalediwa, go bua Jehofa.
“Lo ne lo lebeletse go le go tona, mme bonang, ga fela go le go botlana; e rile lo go lere gae, ka go budulela. Ka ntlha yang?” Go bua Jehofa wa masomosomo. “Ka ntlha ya ntlo ya me e e kgakgabetseng, ka mongwe le mongwe wa lona a tabogela kwa ntlong ya gagwe fela.