1
BAROMA 6:23
Setswana 1970
gonne tefo ya boleo ke loso, mme neo ya bopelotlhomogi ya Modimo ke bophelo jo bo sa khutleng jo bo bonwang mo go Keresete Jesu, Morena wa rona.
Compare
Explore BAROMA 6:23
2
BAROMA 6:14
gonne boleo ga bo nke bo lo laola, ka lo se fa tlase ga molao, mme lo le fa tlase ga bopelotlhomogi.
Explore BAROMA 6:14
3
BAROMA 6:4
Ke go re, re fitlhilwe nae ka kolobetso gore re swe, re tle re tsamae mo bophelong jo bošwa, jaaka Keresete le ene a tsositswe mo baswing ka kgalalelo ya ga Rara
Explore BAROMA 6:4
4
BAROMA 6:13
Gape se neeleng boleo ditokololo tsa lona go nna didiri tsa tshiamololo, mme ineeleng Modimo jaaka ba ba tswang mo losong, ba phela, le ditokololo tsa lona di neeleng Modimo go nna didiri tsa tshiamo
Explore BAROMA 6:13
5
BAROMA 6:6
ka re itse gore motho yo mogologolo wa rona o bapotswe nae gore mmele wa boleo o khutlisiwe go leofa, mme re se tlhole re direla boleo
Explore BAROMA 6:6
6
BAROMA 6:11
Le lona jalo, iponeng lo le baswi ntlheng ya boleo le baphedi ba ba phelelang Modimo lo le mo go Keresete Jesu, Morena wa rona.
Explore BAROMA 6:11
7
BAROMA 6:1-2
Jaanong re tla reng? A re tla tswelela pele mo boleong gore bopelotlhomogi bo tle bo ate bogolo? Le go ka! Rona ba re suleng ntlheng ya boleo, re sa ntse re ka phela jang mo go jona?
Explore BAROMA 6:1-2
8
BAROMA 6:16
A ga lo itse gore yo lo mo ineelang go nna batlhanka go mo utlwa, ke ene yo lo leng batlhanka ba gagwe, yo lo tshwanetseng go mo utlwa, le fa e le boleo go isa losong, gongwe kutlo go isa tshiamong?
Explore BAROMA 6:16
9
BAROMA 6:17-18
Mme a Modimo o lebogwe, ka lo khutlile go nna batlhanka ba boleo, mme lo simolotse go utlwa ka pelo yotlhe sekao sa thuto se lo tsentsweng mo go sona. Lo diregile batlhanka ba tshiamo, ka lo golotswe mo boleong.
Explore BAROMA 6:17-18
YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy
Home
Bible
Plans
Videos