Tlala预览

Tlala

4天中的第2天

Tlala ke DNA ya ga Dafita

Go ka tswa go le botoka kgotsa go le maswe, gongwe o latela batsadi ba gago ka ditsela dingwe. Fa e le gore o na le bana, go ka direga gore o lemogile kafa le bone ba go tlhokomelang ka gone. Tse dingwe tsa se o se ruileng kgotsa o se fe sitse ke go godisa – boitshwaro jo o bo ithu leng – mme tse dingwe tsa tsone ke tlholego – karolo ya DNA ya gago. Dafita o tlhalosiwa mo lokwalong e le monna yo o neng a le mo morago ga pelo ya Modimo. Seo se raya gore o ne a latela Modimo. O ne a akanya, a ikutlwa, le go itshwara ka tsela e e neng e tlotla Modimo le go tshwana le semelo sa Modimo. Mme go a kgonega gore le rona, re tlhabolole DNA ya ga Dafita: go nna batho ba ba tshwerweng ke tlala ya Modimo, go mo sala morago ka go itebaganya le Ene le ditsela tsa Gagwe.

Tlala ya Modimo e raya go tlhologelelwa le go batla pelo ya Modimo ka metlha. Dafide o tlhalosa tlala eno ya Modimo, a re o tlhologelelwa Modimo ka tsela e tshephe e tlhologelelwang melatswana ya metsi ka yone. Gongwe o kile wa itse dipaka tsa mofuta ono wa go itlhoboga ka go nna gone ga Modimo. Gongwe ka dinako tse dingwe mowa wa gago o nyoretswe sengwe se sele go feta Modimo. Gongwe o ka letla tlala ya ga Dafide e e sa kgaotseng, e e tshelanwang ya Modimo go go tlhotlheletsa go tshela botshelo jo bo itumelelang go nna mo botennyeng jwa Gagwe ka bosakhutleng. Leka go nna ka boikaelelo ka go fetsa nako le batho ba ba bontshang mofuta ono wa lorato mme o ithute mo mekgweng ya bone, dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa kgotsa mo tseleng e ba dirang ditshwetso ka yone.

Mafoko a ga Dafide mo go Pesalema 63 a senola gape go tlhologelelwa ga gagwe Modimo le go tlhaloganya ga gagwe gore botshelo kwa ntle ga Modimoboe lolea e bile ga bo na mosola. Pesalome e no, e supa fa mosola o mogolo wa go batla Modimo ka pelo yotlhe ya gago, ke tshiamelo ya go itemogela maatla le kgalalelo ya gagwe, eo e re fetolang go nna setshwano sa gagwe. Monna mongwe yo o botlhale o ile a bolela gore Modimo ga o ke o bonwa ka phoso, se se rayang gore re tlhoka go tlhopha go lelekisa Modimo re sa kgaotse, ka boomo le ka pelo yotlhe. Fa batho ba ne ba wela mo boleong, re ne ra latlhegelwa ke botsalano le Modimo. Re ne ra thatafadiwa ke boleo mme ra gana go rata Modimo le batho ba bangwe. Mme le fa go ntse jalo, le fa re ne re le leswe e bile re tsuologa, Modimo o ne wa re latelela ka lorato lwa gagwe lo lo rekololang. A re simolole go nna ka boomo ka go latelela Modimo mo loratong lo logolo, fela jaaka A ne a re latelela. Re tshwanetse go simolola go mo eletsa go feta dilo tsotlhe. Re tshwanetse go mmatla pele le go fetsa dinako tsotlhe tsa rona tsa go tsoga le Ene mo kopanong ya boammaaruri. Ke kitso e e tshelang ya gagwe eo e re thusang go mo rwala mo megopolong ya rona.

Fa o ise o ko o amogele Jesu jaaka Morena le Mmoloki wa botshelo jwa gago, e kete o ka dira jalo gompieno. Mo letle go fetola boteng jwa botho jwa gago ka lorato lwa gagwe. Ekete o ka itse gore go batla Modimo ka pelo ya gago yotlhe ke go mmona. Mme e kete o ka itse gore go mmona ke go tshwana le ene thata, le go itemogela dikhumo tsa kgalalelo ya gagwe.

读经计划介绍

Tlala

Leano leno la malatsi a le mane le sekaseka mokgwa o tlala ya ya go itse Modimo e re tlhotlheletsang go tsena mo maikaelelong a Modimo. Batla lebaka leo le dirileng gore Dafita e nne mmamorwatwa wa Modimo – le ka fa o ka tshelang mo lorato lwa Modimo, o itumelela botsalano le Jeso le go mo tshepa go kgotsofatsa ditlhokego tsa gago. Leano le le tlhamilwe ke YouVersion.

More