O NA le Thapelo!预览

O NA le Thapelo!

6天中的第3天

Thapelo ya Motho ka Namana

Go rapela mmogo le ditsala, ba lelapa kana le eleng go rapela fela pele ga dijo ke ditsela tse di tlhomologileng tsa go buisana le Modimo mo tikologong e e nang le batho ba bantsi. Mme mo godimo ga go nna le seabe mo thapelong ya phatlalatsa, Modimo o batla gore le rona re nne le seabe mo thapelong ya rona ka namana, e e leng ya sephiri - e e leng ya gago le Modimo fela. Jesu o ne a bua jaana malebana le go rapela re le bosi:

"Mme wena, e re fa o rapela, o tsene mo ntlwaneng ya gago, mme e re o sena go tswala mojako, o rapele Rraago yo o sa bonweng; mme Rraago yo o bonang mo go fitlhegileng o tla go duela." Matheo 6:6

Ditaelo tsa ga Jesu tsa gore re rapele re tswaletse dikgoro di bontsha gore Modimo o kgatlhegela matshelo a rona ka namana. O batla gore re nonotshe kamano ya rona le ene ka go buisana le ene re le bosi. Modimo o lemoga gore o ititeile sehuba gore o tla nna le botsalano jo bo kwa thoko le Ene, mme o solofetsa gore o tla go duela le go go segofatsa.

Gape Modimo o batla gore re bue le ene re gololesegile, fela jaaka re bua le mongwe yo re mo ratang. Le mororo go tshwara dithapelo ka tlhogo lefoko ka lefoko e le mokgwa o o siameng, boammaaruri ke gore Modimo o batla gore re mo rapele ka tsela ya mmatota go na le go dirisa fela mafoko a re a tshwereng ka tlhogo. Jesu o bua jaana ka bopeloephepa jwa dithapelo tsa rona:

"Fa lo rapela, lo se ka lwa boaboela jaaka baheitane; gonne ba gopola gore ba tla utlwiwa ka ntlha ya bontsi jwa mafoko a bone. Lo se ka lwa nna jaaka bone, gonne Modimo Rraalona o itse dilo le fa e le dife tse lo di tlhokang le pele ga lo mo kopa." Matheo 6:7-8

Le fa gone Modimo a setse a itse dilo tse re di tlhokang le tse re di batlang pele ga re mo kopa, o sa ntse a batla gore re mmolelele dikopo tseo ka bopeloephepa le ka tsholofelo ya gore o re batlela se se molemolemo. O eletsa go araba thapelo nngwe le nngwe ka lorato le ka boikanyegi.

Selo se sengwe se se botlhokwa mo thapelong ya motho ka namana ke go kgotlhelela le go rapela ka metlha. Modimo ga a ke a lapa go reetsa dikopo tsa rona, le fa e ka tswa e le tsone tse re kileng ra di mmolelela. Jesu o ne a bua jaana kaga go rapela ka tlhoafalo:

"Kopang, mme lo tlaa newa; batlang, mme lo tlaa bona; kgwanyakgwanyang, mme lo tlaa bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le yo o batlang o a bona, le yo o konyakonyang o tla bulelwa." Matheo 7:7-8

Go beela nako kwa thoko letsatsi le letsatsi go buisana le Modimo ka namana go botlhokwa gore re gole mo tseleng ya rona ya Bokeresete. Leka go tlhopha nako letsatsi le letsatsi e o ka se kang wa iteega tsebe ka yone, mme o se ka wa tshwenyega ka gore Modimo o na le tshupanako ya gagwe e e lekang go bona gore o mo naya nako e e kana kang; ga a na yone. O batla wena fela. Go nna o le nosi, go nna peloephepa le go nna o sa kgaotse ke dinonofo tse tharo tse di botlhokwa thata tsa nako ya gago ya go rapela Modimo o le nosi mme di tla go thusa go aga kamano e e gaufiufi le Ene. O tla simolola go itumelela nako eno e e botlhokwa, mme o tla simolola go ikaega ka Ene ka tsela e o iseng o ko o ikaege ka yone pele.

读经计划介绍

O NA le Thapelo!

Fitlhelela melaotheo e e ka go thusang gore o nne le botshelo jwa thapelo jo bo nang le matswela. Thapelo - go buisana le Modimo ka namana - ke yone tsela ya konokono ya go bona diphetogo tse di molemo mo matshelong a rona le mo tikologong ya rona.

More