O NA le Thapelo!预览

RURI re na le Thapelo!
Gompieno batho ba le bantsi ba tsaya thapelo e le tsela e e se nang mosola ya go rarabolola mathata a botshelo. Tota e bile, bangwe ba ka nna ba se ka ba rapela gotlhelele. Ba bangwe ba ka nna ba simolola go rapela fela fa ba sena go leka sengwe le sengwe.
Mme Modimo ga a ise a ko a ikaelele gore botshelo jwa rona jwa thapelo e nne tsela ya bofelo ya go fenya mathata fa re setse re dirisitse mekgwa le dilo tse dingwe tsotlhe. Boammaaruri ke gore Modimo o batla gore thapelo e nne yone selo sa konokono mo botshelong jwa Mokeresete mongwe le mongwe: e nne yone ya ntlha e re yang kwa go yone fa re tlhoka thuso, e seng ya bofelo. O batla go re utlwa letsatsi lotlhe, letsatsi le letsatsi, ka dinako tsa fa re tlhoka le ka dinako tsa fa re na le mo gontsi mme re kgotsofetse. Gape Modimo o batla go re bontsha gore o a re rata ka go bua le rona ka metlha fa re rapela.
Thapelo ke selo sa konokono se se ka re thusang go bona diphetogo tse di molemo mo matshelong a rona le mo tikologong ya rona, mme ke selo sa konokono se se ka re thusang go gola mo tseleng e re tsamayang ka yone le Modimo.