EKESODU 9:9-10
EKESODU 9:9-10 TSW70
Mosidi oo o tla fetoga lerole le le boleta godimo ga lefatshe lotlhe la Egepeto; go tla tswa diso tse di rurugang, di direge ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.” Ba tsaya mosidi wa leiso, ba ema fa pele ga Farao, mme Moše a o gasetsa kwa godimo; ga tswa diso tse di rurugang, tsa direga ditlhagala tse di phunyegang mo bathong le mo diruiweng.

