YouVersion Logo
Search Icon

BAROMA 1

1
Tumediso
1Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, a bidiwa gore a nne moaposetole, a lomololetswe Mafoko a a Molemo a Modimo,
2a o solofeditseng ka ga one gale ka baperofeti ba one mo dikwalong tse di boitshepo, 3ka ga Morwa wa one, yo o tsetsweng a le wa losika lwa ga Dafite ka fa nameng. 4Yo o tlhomamisitsweng fa e le Morwa Modimo ka nonofo, ka fa moweng wa boitshepo, ka go tsoga mo baswing; e bong Jesu Keresete Morena wa rona, 5yo re bonyeng tshegofatso le boaposetole ka ene, gore boineelo mo tumelong bo leriwe mo ditšhabeng tsotlhe, ka ntlha ya leina la gagwe; 6ba le lona lo leng ba bone, lo biditswe gore lo nne ba ga Jesu Keresete.
7Ka re, lona lotlhe ba lo koo Roma, baratwa ba Modimo, ba lo biditsweng go nna baitshepi: A tshegofatso le kagiso e e tswang Modimong Rra wa rona, le Morena Jesu Keresete, di nne le lona.
Keletso ya ga Paulo go etela Roma
8Sa ntlha, ke leboga Modimo wa me, ka Jesu Keresete ka ga lona lotlhe, ka gobo tumelo ya lona e bolelwa mo lefatsheng lotlhe. 9Gonne Modimo o ke o direlang ka mowa wa me, mo Mafokong a a Molemo a Morwa wa one, ke mosupi wa me, wa ka fa ke sa khutleng go lo umaka ka teng. 10Ke ntse ke lopa mo merapelong ya me, e ka re gongwe ka akofa ka newa tsela ke go rata ga Modimo, gore ke ye koo go lona. 11Gonne ke tlhologeletswe go lo bona, gore ke lo abele neo nngwe ya semowa, gore lo tle lo nitamisiwe. 12Ke gore, nna le lona, re gomotsege mmogo; nna ka tumelo ya lona, le lona ka ya me.
13 Bagaetsho, ga ke rate lwa tlhoka go itse fa ke ikaeletse go ya koo go lona gantsi, gore ke bone maungo mangwe le mo go lona, jaaka mo go Baditšhaba ba bangwe, mme ke sa ntse ke kgoreleditswe le gompieno. 14Ke molato le Bagerika le batho seeng, le ba ba botlhale le ba ba dieleele. 15Jalo ka ga me, ke iketleeditse go rera Mafoko a a Molemo le mo go lona ba lo koo Roma.
Thata ya lefoko la Modimo
16 Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo; gonne ke one thata ya Modimo e e isang polokong mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, pele mo Mojuteng, le mo go ene Mogerika. 17 Gonne tshiamo nngwe ya Modimo e senotswe mo go one ka tumelo e e isang tumelong; jaaka go kwadilwe ga twe: “Mme basiami ba tlaa tshela ka tumelo.”
Go tlola molao ga motho
18Gonne bogale jwa Modimo jo bo tswang legodimong, bo senoletswe boikepo jotlhe le tshiamololo, ya ba ba beteletseng boammaaruri mo tshiamololong; 19gonne se Modimo o nang le go itsiwe ka sone se a bonala mo go bone, ka Modimo o se ba bontshitse. 20Gonne dilo tse di sa bonaleng tsa one, e bong nonofo ya one e e sa khutleng, le bomodimo jwa one, di sa le di bonala sentle gale mo tlholegong ya lefatshe, ka di lemogwa ka dilo tse di dirilweng; jalo batho bao ba bo ba se na seipato; 21 gonne, le fa ba itsile Modimo, ga ba a ka ba o galaletsa jaaka Modimo, le fa e le go o leboga; ba ithamaka mo go akanyeng ga bone, mme pelo ya bone e e kotlometseng ya fifala. 22Ya re ka ba ikaya botlhale, ba tswa dieleele fela; 23 kgalalelo ya Modimo o o sa boleng, ba e fetola setshwantsho se se mo tshwanong ya motho yo o bolang, le ya dinonyane, le ya tse di maoto mane, le tse di gagabang.
24Ke gone ka moo, Modimo o ba lesitseng ba ineela mo masweng, ka fa dithatong tsa pelo tsa bone, ba ba ba tla ba tlotlololana mebele ya bone ka boatla. 25Ka ba anantse boammaaruri jwa Modimo ka maaka, ba obamela se se bopilweng, ba se direla bogolo go Mmopi yo o bakwang ka bosaengkae. Amen.
26Ke gone ka moo, Modimo o ba leseleditseng ba ineela mo dithatong tse di tlhabisang ditlhong; gonne mokgwa o e leng wa tlholego, basadi ba bone ba o fetola o e seng wa tlholego. 27Fela jalo banna le bone ba khutlela mosadi go tlhola ba dira ka ene jaaka mokgwa wa tlholego, mme ba gakalelane mo dikgatlhegong tsa bone, banna ba dira le banna ba bangwe mo go tlhabisang ditlhong, ba iponela mo go bone tuelo e e tshwanetseng timelo ya bone.
28Fela jaaka ba ganne ba re, a Modimo o se nne mo kitsong ya bone, Modimo o ba lesitse ba ineela pelo e e manyelo fela, ba dira dilo tse di sa tshwanelang: 29Ba tlala tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso. 30Ke balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone. 31E le ba ba se nang tlhaloganyo, le batlodi ba dikgolagano, e le ba ba se nang lorato lo e leng lwa batho, e le ba ba se nang boutlwelobotlhoko. 32Ba, le fa ba itse molao wa Modimo o o reng, ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tshwanetse go swa, ba bo ba ntse ba di dira fela, le gone ba dumalane le ba ba di dirang.

Currently Selected:

BAROMA 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy