YouVersion Logo
Search Icon

DITIRO 28

28
Paulo mo setlhakeng sa Maleta
1E rile re sena go falola foo ra tlhaloganya fa setlhake seo se bidiwa Maleta. 2Mme batho seeng ba teng, ba re direla ka jo e seng botsalanonyana fela; gonne ba gotsa molelo, ba re tshola rotlhe, ka ntlha ya pula e e neng e na, le ka ntlha ya serame. 3E rile Paulo a sena go rwalela ngata ya ditlharapa, a e baya mo molelong, mme ga tswa noga, e ntshiwa ke molelo, ya mo kgomarela seatla. 4E rile batho seeng bao ba bona selo se akgega mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ko o teng motho yo ke mmolai, yo le fa a falotse mo lewatleng, Tshiamiso ga e mo leseletse go tshela.” 5Le fa go ntse jalo selo seo a se tlhotlhorela mo molelong, mme a se ka a bona molato. 6Bone ba bo ba lebeletse fa a tlaa ruruga, le fa e le go tshoga ka a ngatega fela. E rile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele, ba bona a sa dirafalelwe ke molato ope, mme ba fetoga megopolo ba re: “Ke modimo mongwe.”
7Gaufi le golo foo ga bo go le masimo a mogolwane wa setlhake, yo o bidiwang Pubelio, ene a re tshola, a ba a re babalela sentle ka malatsi a le mararo. 8Mme ya bo rraagwe Pubelio a lwala botlhoko jwa letshoroma le motabogo wa madi; Paulo a tsena kwa go ene, a rapela; mme o rile a sena go mmaya diatla a mo fodisa. 9Ya re go sena go dirwa jalo, ba bangwe ba ba nang le malwetse mo setlhakeng ba tla, mme ba fodisiwa. 10Ba le bone ba ne ba re tlotla ka ditlotlo di le dintsi; mme e rile re tsamaya, ba re tsenyetsa mo sekepeng dilo tse re di tlhokang.
Paulo o goroga kwa Roma
11E rile dikgwedi di sena go feta di le tharo, ra tsamaya ka sekepe sengwe sa Alekesanteria, se se neng se fetisitse mariga mo setlhakeng; seboko sa sone go twe Mafatlha a Basimane. 12Ya re re ama Sirakuse, ra tlhola malatsi a le mararo teng. 13Ra tswa teng ra tsamaya ka go tsopodiega, mme ra fitlha mo Regiume, e rile go sena go feta letsatsi le le lengwe fela, ga tsoga phefo ya borwa, mme ka moso ra fitlha kwa Puteoli, 14kwa re fitlhetseng bakaulengwe teng, mme ra rapelwa gore re tlhole malatsi a supa nabo. Jalo ra nna ra ya ra fitlha kwa Roma. 15E rile bakaulengwe ba re utlwela, ba tswa teng, ba tla go re kgatlhantsha kwa Borekelong jwa ga Apio, le kwa Matlong a mararo a Tapologelo; ba e rileng Paulo a ba bona, a leboga Modimo, mme a nametsega.
Paulo o ruta mo Roma
16E rile re sena go tsena mo Roma, Paulo a leselediwa go nna a le esi le motlhabani yo o mo disitseng.
17Ga dirala, ya re malatsi a le mararo a sena go feta, a phutha ba e leng ditlhogo tsa Bajuta; ya re ba sena go phuthega, a ba raya a re: “Nna bakaulengwe, le fa ke se ka ka direla batho sepe sa molato, le fa e le mekgwa ya borraetsho, le fa go ntse jalo ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma ke le mogolegwi ke tswa mo Jerusalema. 18Ba e rileng ba sena go mpotsa ba bo ba rata go nkgolola, ka gobo go se na molato ope wa loso mo go nna. 19 E rile Bajuta ba gana, ka bo ke na le go ipiletsa Kaesare fela; e seng gore ke na le molato mongwe o ke o nayang morafe wa gaetsho. 20Ke gone ka moo ke lo rapeletseng, gore lo tle go mpona le go bua le nna; gonne ke golegilwe ka ketane e ka ntlha ya tsholofelo ya Iseraele.”
21Mme ba mo raya ba re: “Go le dikwalo tse di ka tswang kwa Jutea, tse di ka bolelang ka ga gago, ga re ise re be re di bone; le fa e le bakaulengwe, ga go ise go bo go tle bape kwano, ba ba ka bolelang sepe, le fa e le go bua sepe sa molato ka ga gago. 22Mme re eletsa go utlwa mo go wena ka fa o gopotseng ka teng, gonne ka ga lekoko le, go a itsiwe ke rona fa le nyadiwa ka ntlha tsotlhe.”
23E rile ba sena go mo kaela letsatsi, ba ya kwa go ene ba le bantsi, kwa ntlong e o ntseng mo go yone; mme a ba phutholelela kgang e, a supa ka ga bogosi jwa Modimo; go simolola ka moso le go ya maitseboeng, a nna a leka go ba kgona ka ga Jesu, ka molao wa ga Moše, le ka baperofeti. 24Bangwe ba dumela dilo tse di builweng, ba bangwe ba gana go dumela. 25E rile ba sa dumalane, ba tsamaya, Paulo a sena go bua lefoko lengwe a re: “Mowa o o Boitshepo o buile sentle le borraeno ka moperofeti Isaia, 26 wa re:
“ ‘Ya kwa bathong ba,
o ba reye o re:
Go utlwa lo tlaa utlwa,
mme ga lo ketla lo tlhaloganya gope;
le go bona lo tlaa bona,
mme ga lo ketla lo lemoga gope;
27gonne pelo ya batho
ba e imafetse,
ba kabetse ditsebe,
ba ipuduladitse matlho;
e se re kgotsa ba lemoga ka matlho,
mme ba utlwa ka ditsebe
ba tlhaloganya ka pelo,
mme ba sokologa,
mme ka ba fodisa.’
28“Ke gone, a go itsiwe ke lona fa poloka e ya Modimo e isitswe kwa go Baditšhaba; ba bile ba tlaa utlwa.” 29(Ya re a sena go bua mafoko a, Bajuta ba tsamaya, ba le dikgang ditona thata.)
30Mme a nna dinyaga di le pedi mo ntlong ya gagwe, e o e adimileng ka tuelo, mme a tshola botlhe ba ba yang kwa go ene. 31A rera bogosi jwa Modimo, a ba a ruta batho dilo tse di leng ka ga Morena Jesu Keresete ka pelokgale yotlhe, go se na ope yo o mo itsang.

Currently Selected:

DITIRO 28: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy