YouVersion Logo
Search Icon

MAREKO 7

7
Mekgwa ya segologolo
(Math 15:1-9)
1Motlha mongwe ga phuthegela kwa go ene Bafarisai, le bangwe ba bakwadi, ba tswa Jerusalema. 2Mme ba bo ba kile ba bona fa barutwa bangwe ba gagwe ba tle ba je dijo ka diatla tse di leswe, ke go re, tse di sa tlhapisiwang. 3Gonne Bafarisai le Bajuta botlhe, fa ba sa tlhape mo diatleng le mo mabogong, ga ba ke ba ja; mme boo ba tshegeditse mekgwa ya bagologolo. 4Fa ba tswa kwa borekelong, ga ba ke ba a ja fa ba sa tlhape pele; go bile go na le dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di tshegetsa, jaaka go tlhatswa dinwelo, dipitsana le dijana tsa kgotlho, (le disekamelo.)
5Bafarisai le bakwadi ba mmotsa ba re: “Ana barutwa ba gago ga ba tsamaeleng ka fa mekgweng ya bagologolo, ba ja fela senkgwe sa bone ka diatla tse di leswe?”
6 A ba raya a re: “Isaia o boletse sentle ka ga lona baitimokanyi, jaaka go kwadilwe ga twe: ‘Ba tšhaba e, ba ntlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di le kgakala le nna. 7Ba nkobamelela lefela, ka ba ruta ka dithuto tse e leng melao ya batho fela.’
8“Lo tlogela taolo ya Modimo, lo tshegeditse mekgwa ya batho fela.”
9A ba raya a re: “Lo ganela ruri taolo ya Modimo, gore lo tshegetse mekgwa ya lona. 10 Gonne Moše o rile: ‘Tlotla rraago le mmaago;’ gape a re: ‘Yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe, ruri a a swe.’ 11Lona lo a tle lo re: ‘Fa motho a raya rraagwe kgotsa mmaagwe a re: Se o ka bong o thusiwa ke nna ka sone e bile ke Korebana, ke go re, Se abetswe Modimo; 12lo bo lo sa tlhole lo mo leseletsa go direla rraagwe kgotsa mmaagwe sepe;’ 13mme lo dira lefoko la Modimo lolea fela ka mekgwa ya lona e lo e bolelang, le dilo tse dintsi tse di ntseng jalo lo a di dira.”
Dilo tse di itshekololang motho
(Math 15:10-20)
14A ba a ipiletsa bontsi jwa batho gape a re: “Ntheetsang lotlhe, lo tlhaloganye! 15Ga go na sepe se se kwa ntle ga motho se se ka reng se tsena mo go ene sa mo itshekolola; dilo tse di tswang mo mothong ke tsone tse di itshekololang motho. 16(Fa mongwe a na le ditsebe go utlwa, a a utlwe.)”
17E rile a sena go tsena mo ntlong, a tlogetse bontsi jwa batho, barutwa ba gagwe ba mmotsa ka ga setshwantsho seo. 18Mme a ba raya a re: “A le lona lo ntse jaana lo se na tlhaloganyo? A ga lo lemoge gore, se se kwa ntle ga motho, fa se tsena mo go ene, ga se ka ke sa mo itshekolola; 19gonne ga se tsene mo pelong, fa e se mo mpeng fela, mme se ye go tswela kwa ntle?” Mme moo, a go bua, e le go itshekisa dijo tsotlhe.
20A ba a re: “Se se tswang mo teng ga motho, ke sone se se itshekololang motho. 21Gonne mo teng, mo dipelong tsa batho, go tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu le dipolao, 22le boaka, le bopelotshetlha, le boikepo, le tsietso, le bopepe, le leitlho le le bosula, le kgalo, le bopelompe, le bosilo; 23dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng, mme di itshekolole motho.”
Tumelo ya mosadi wa Ture
(Math 15:21-28)
24Mme a tswa teng, a tsamaya a ya mo melelwaneng ya Ture le Sitone. Mme a tsena mo ntlong nngwe, mme a bo a sa rate ga itse ope; mme ga retela fa a ka lojwa. 25Ka bonako mosadi mongwe yo ngwana wa gagwe wa mosetsanyana o nang le mowa o o maswe, ya re a mo utlwela, a tla a wela fa dinaong tsa gagwe. 26Jaana mosadi yo ya bo e le Mogerika, wa tšhaba ya Serofonike. Mme a mo rapela thata gore a kgoromeletse ntle mowa o o maswe mo go morwadie. 27Mme a mo raya a re: “A bana ba kgore pele; gonne, ga go a tshwanela go tsaya dijo tsa bana, le go di latlhela dintša.”
28Mosadi a mo fetola a re: “Ee, Morena, le e leng tsone dintša, di le ka fa tlase ga lomati lwa bojelo, di ja matlhotlhora a bana.”
29Mme ene a mo raya a re: “Ka lefoko leo tsamaya fela; mowa o o maswe o dule mo go morwadio.”
30Mme a tsamaya a ya ga gagwe, mme a fitlhela ngwana a beilwe mo bolaong, mme mowa o o maswe o dule mo go ene.
Jesu o fodisa monna wa semumu a bile a le susu
31Gape a tswa mo melelwaneng ya Ture, a ralala Sitone a ya a fitlha kwa lewatleng la Galilea, a raletse melelwane ya Dekapolise. 32Ba lere kwa go ene monna mongwe yo o bosusu, yo o kwakwaetsang; mme ba mo rapela thata gore a mmeye seatla. 33Mme a mo ntsha mo bontsing a mo isa fa thoko, a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe, a ba a ama loleme lwa gagwe; 34a lelalela legodimong, a fegelwa, a mo raya a re: “Efatha,” ke go re: “Kabologa.”
35Ditsebe tsa gagwe tsa kabologa, le thapo ya loleme lwa gagwe ya hunologa, a itse go bua sentle. 36A ba laya gore ba se ka ba bolelela ope; mme fela jaaka a ba laile thata, bone ba ya ba bolela bogolo thata. 37Ba gakgamala mo go feteletseng ba re: “O dirile dilo tsotlhe sentle; o dira gore ba ba bosusu ba utlwe, le ba ba dimumu ba bue.”

Currently Selected:

MAREKO 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy