YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 1

1
1Lefoko la ga Jehofa le le tsileng kwa go Joele morwa Pethuele:
Tshenyo ya tsie mo dijalong
2Utlwang se, lona bannabagolo,
lo sekegeng tsebe,
lona banni botlhe ba lefatshe!
A selo se, se kile sa nna
mo metlheng ya lona,
kgotsa mo metlheng ya borraeno?
3Bolelelang bana ba lona
ka ga sone, a bana ba lona
ba bolelele bana ba bone,
mme bana ba bone ba bolelele
kokomana e nngwe.
4Se mogokong o se tlogetseng,
tsie e se jele;
se tsie e se tlogetseng,
boijane bo se jele;
se boijane bo se tlogetseng,
seboko se se jele.
5Kubugang, matagwa ke lona, lo lele;
bokolelang lona lotlhe
banwi ba bojalwa jwa mofine,
ka ntlha ya bojalwa jo bo monate;
gonne bo kgaotswe
mo ganong la lona.
6 Gonne morafe mongwe o o thata,
o o se nang palo,
o tsile mo lefatsheng la me;
meno a one ke meno a tau,
o na le meno a lotlhaa a tau e tona.
7O kgakgabaditse mofine wa me,
o kgobotse feige ya me makwati,
o e kgoboletse ruri, o e latlhile,
dikala tsa yone di ditshweu.
8Hutsafala jaaka lekgarebana
le le itlamileng ka letsela la kgetse,
le hutsafalela
monna wa borweetsana jwa lone.
9Tshupelo ya boupe
e na le tshupelo e e nowang
e kgaotswe mo ntlong ya ga Jehofa;
baperesiti, badiredi ba ga Jehofa,
ba a hutsafala.
10Lotlhagare lo kgakgabaditswe,
lefatshe le a hutsafala;
gonne mabele a sentswe,
bojalwa jwa mofine jo boša
bo tšhele,
lookwane lo a tshoboega.
11Lo tlhajwe ke ditlhong,
lona balemi, bokolelang,
lona babaakanyi ba mafine,
ka ntlha ya mabele;
le ka ntlha ya barele;
gonne thobo ya masimo e sule.
12Mofine o swabile,
mofeige o a tshoboega; mogaranata,
le one mokolane le moapole,
e bong ditlhare tsotlhe tsa masimo
di swabile;
gonne boitumelo bo swabile,
bo tlogile mo baneng ba batho.
13Itlameng ka letsela la kgetse,
lo hutsafale lona baperesiti;
bokolelang lona badiredi ba sebeso;
ntlong, lo lale bosigo jotlhe
ka letsela la kgetse,
lona badiredi ba Modimo wa me;
gonne tshupelo ya boupe
e na le tshupelo e e nowang
e kganeletswe ntlo ya Modimo
wa lona.
14Itshepiseng go ikitsa go ja,
kuang modiro o o masisi,
phuthang banna bagolo,
le banni botlhe ba lefatshe,
lo ba phuthele mo ntlong
ya ga Jehofa Modimo wa lona,
mme lo biletse kwa go Jehofa.
15 Ija we! A letsatsi le legolo!
Gonne letsatsi la ga Jehofa
le atametse,
le tlaa tla jaaka tshenyo
e e tswang kwa go Mothatayotlhe.
16A dijo ga di a kgaolwa
fa pele ga matlho a lona?
Ee, boitumelo le boipelo
mo ntlong ya Modimo wa rona?
17Dipeo di bola
fa tlase ga makote a tsone;
mabolokelo a mabele a swafaditswe,
matlo a mabele a rutlilwe;
gonne mabele a swabile.
18Ana dikgomo di fegelwa jang!
Matlhape a akabetse,
ka a se na bohulo;
ee, matsomane a dinku
a swafaditswe.
19Jehofa, ke goela koo go wena,
gonne molelo o laitse mafulo
a kwa nageng,
dikgabo di fisitse ditlhare tsotlhe
tsa naga.
20Ee, diphologolo tsa naga
di a go fegelelwa,
gonne melatswana ya metsi
e kgadile,
molelo o laitse mafulo
a kwa nageng.

Currently Selected:

JOELE 1: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy