YouVersion Logo
Search Icon

JOELE 2

2
Tlhaselo ya tsie e le sesupo sa letsatsi la Morena la katlholo
1Letsang lonaka mo Sione,
lo openg mokgosi wa tshoso
mo thabeng ya me e e boitshepo;
a banni botlhe ba lefatshe
ba rorome;
gonne motlha wa ga Jehofa o etla,
gonne o fa gaufi.
2Motlha wa lefifi le letobo,
motlha wa maru
le lefifi le le kwenneng,
jaaka bosa fa bo sela le dithaba;
batho ba ba tšhaba e kgolo e e thata,
ga go ise go ke go nne
e e tshwanang nabo,
le gone ga go ketla go tlhola go nna
epe morago ga bone,
go ya fela dinyageng tsa dikokomana
di le dintsi.
3Molelo o laila fa pele ga bone;
fa morago ga bone kgabo e a tuka;
lefatshe le ntse jaaka tshimo ya
Etene fa pele ga bone,
mme morago ga bone
ke naga e e swafetseng fela.
Ee, ga go na sepe se se falotseng
mo go bone.
4 Ponalo ya bone
e ntse jaaka ponalo ya dipitse;
ba bile ba taboga
jaaka bapalami ba dipitse.
5Go tlola ga bone
go ntse jaaka modumo wa dikara,
mo godimo ga dithaba
go ntse jaaka modumo
wa kgabo ya molelo fa e ja dirite,
jaaka batho ba ba thata
fa ba abetswe go tlhabana.
6Ditšhaba di mo tlalelong e e mahehe
ka ntlha ya bone;
difatlhogo tsotlhe di khwatile.
7Ba taboga jaaka batho
ba ba nonofileng;
ba palama lorako jaaka batlhabani;
ba tsamaela gongwe botlhe
mo ditseleng tsa bone,
ga ba fapaane mo thulaganong
ya bone.
8Le gone mongwe ga a kgorometse
yo mongwe;
ba tsamaela gongwe,
mongwe le mongwe
mo tseleng ya gagwe,
ba sotlhomele mo dibolaong
fela ka thata, ga ba kgaogane
mo go sepeleng ga bone.
9Ba tlolele mo motseng;
ba taboge mo godimo ga lorako;
ba palamele mo matlong;
ba tsene ka fa diponeng
jaaka legodu.
10 Lefatshe le reketle
fa pele ga bone;
magodimo a rorome,
letsatsi le fifale le kgwedi,
le dinaledi di gonyetse
phatsimo ya tsone.
11 Jehofa o ntsha lentswe la gagwe
fa pele ga ntwa ya gagwe;
gonne ntwa ya gagwe e e tlhaolelang
e kgolo thata;
gonne go thata yo o dirafatsang
lefoko la gagwe.
Gonne motlha wa ga Jehofa
o mogolo,
o boitshega thata;
mme e mang yo o ka o itshokelang?
Batho ba bilediwa mo boikwatlhaong
12“Le gompieno,” go bua Jehofa,
“retologelang mo go nna
ka pelo yotlhe,
le ka go ikitsa go ja,
le ka go lela, le ka go hutsafala.”
13Lo ikgagole dipelo, e seng diaparo,
lo retologele mo go Jehofa
Modimo wa lona,
gonne o pelontle,
o tletse bopelotlhomogi,
o bonya go galefa,
o letlotlo la boutlwelobotlhoko,
mme o tle a ikwatlhaele bosula.
14Go itse mang bo ga a ketla
a retologa a ikwatlhaya,
mme a tlogela tshegofatso,
e bong tshupelo ya boupe,
le tshupelo e e nowang
ya ga Jehofa Modimo wa lona?
15Letsang lonaka mo Sione
lo itshepise go ikitsa go ja,
kuang phuthego e e masisi;
16phuthang batho,
itshepiseng phuthego,
phuthang banna bagolo,
phuthang banyana,
le ba ba anyang mabele.
A monyadi a tswe
mo ntlwaneng ya gagwe,
le monyadwi
mo borobalong jwa gagwe.
17A baperesiti, badiredi ba ga Jehofa,
ba lele fa gare ga maribela le sebeso,
mme a ba re:
“Jehofa, rekegela batho ba gago,
o se ka wa neela boswa jwa gago
kgobong,
gore merafe e ba laole;
ana ba tlaa bo ba buelang
mo ditšhabeng ba re:
‘Modimo wa bone o kae?’ ”
18Foo Jehofa a hufanela lefatshe
la gagwe,
a tlhomogela batho ba gagwe pelo.
19Jehofa a fetola,
a raya batho ba gagwe, a re:
“Bonang, ke tlaa lo leretse mabele,
le bojalwa jwa mofine, le lookwane,
mme lo tlaa di kgora;
ga nketla ke tlhola ke lo dira kgobo
mo merafeng;
20ke tlaa tlosetsa ntwa ya botsheka
kgakala le lona, ke tlaa e lelekela
kwa lefatsheng le le sekaka
le le le swafetseng,
tlhogo ya yone e le mo lewatleng
la botlhabatsatsi,
le mogatla wa yone
o le mo lewatleng
la bophirimatsatsi;
mme go nkga ga yone
go tlaa tlhatloga,
le moutlwalo wa yone o o bosula
o tlaa tlhatloga,
ka ba dirile dilo tse dikgolo.”
21O se ka wa boifa, wena lefatshe,
ipele o itumele;
gonne Jehofa
o dirile dilo tse dikgolo.
22Lo se ka lwa boifa
lona diphologolo tsa naga;
gonne mafulo a naga a a tlhoga,
gonne setlhare se a ungwa,
ditlhare tsa mofeige le tsa mafine
di ntsha thata ya tsone.
23Ke gone, ipeleng lona
bana ba Sione,
lo itumele mo go Jehofa
Modimo wa lona;
gonne o lo naya pula ya sephai
ka selekanyo se se siameng,
o lo nesetsa pula, pula ya sephai
le pula ya kgogolammoko
ka kgwedi ya ntlha.
24Dibopi di tlaa tlala mabele,
le didibeletso di tlaa penologa
bojalwa jwa mofine le lookwane.
25“Ke tlaa lo rebolela
tsa dinyaga tse tsie e di jeleng,
le boijane, le seboko,
le mogokong, ntwa ya me e kgolo
e nkileng ka e roma mo go lona.
26Lo tlaa jela mo letlotlong lo kgora,
lo tlaa baka leina la ga Jehofa
Modimo wa lona,
yo o lo diretseng ka kgakgamatso;
mme batho ba me ga ba ketla
ba tlhajwa ke ditlhong gope.
27Lo tlaa itse
fa ke le mo gare ga Iseraele,
le go re ke Jehofa Modimo wa lona,
mme go bo go se na ope o sele.
Mme batho ba me ga ba ketla
ba tlhajwa ke ditlhong gope.”
Letsatsi la Mowa wa Morena
28 “Go tlaa dirala morago ga mo,
go re ke thele mowa wa me
mo bathong botlhe;
bana ba lona ba basimane le ba
basetsana ba tlaa perofesa,
banna bagolo ba lona
ba tlaa lora ditoro,
makau a lona a tlaa bona
diponatshegelo.
29Le mo batlhankeng
le mo malateng
ke tlaa thela mowa wa me
mo metlheng eo.
30Ke tlaa bonatsa dikgakgamatso
mo magodimong le mo lefatsheng,
madi le molelo,
le dithogomosi tsa mosi.
31 Letsatsi le tlaa fetolwa lefifi
le kgwedi madi,
pele motlha o mogolo
le o o boitshegang wa ga Jehofa
o ise o tle.
32 Go tlaa dirala go re,
le fa e le mang yo o tlaa bitsang
leina la ga Jehofa
o tlaa gololwa;
gonne mo thabeng ya Sione
le mo Jerusalema
go tlaa nna ba ba falolang,
jaaka Jehofa a buile,
le mo masaleleng go tlaa nna bone
ba Jehofa o ba bitsang.”

Currently Selected:

JOELE 2: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy