YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 7

7
Bomonnaa Jesu ga ba dumele
1Morago ga dilo tse Jesu a sala a ntse a tsamaya mo Galilea, gonne a gana go tsamaya mo Jutea, ka Bajuta ba senka go mmolaya. 2 Jaana modiro wa Bajuta, e bong modiro wa Metlaagana, wa bo o le gaufi. 3Foo bomonnawe ba mo raya ba re: “Tloga mono, o ye kwa Jutea, gore barutwa ba gago le bone ba bone ditiro tsa gago tse o di dirang. 4Gonne ga go motho ope yo o dirang sengwe mo sephiring, mme ene ka esi a senka go itsiwe mo ponalong. Fa o dira dilo tse, iponaletse lefatshe.” 5Gonne le e leng bone bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.
6Jesu a ba raya a re: “Lobaka lwa me ga lo ise lo tle; mme lobaka lwa lona lo a bo lo ntse lo etleetsegile gale. 7Lefatshe ga le ka ke la ila lona; mme nna le a nkila, ka gobo ke supa ka ga lone, fa ditiro tsa lone di le bosula. 8A go ye lona kwa modirong; nna ke tlaa nama ke ise ke ye kwa modirong o, ka lobaka lwa me ga lo ise lo dirale.” 9Ya re a sena go bua dilo tse nabo, a nama a sa tlhotse mo Galilea.
Jesu kwa modirong wa Motlaagana
10E rile bomonnawe ba sena go ya kwa modirong le ene a sala a ya, e seng mo ponalong, ya ne e kete ka go iphitlha. 11Ke gone Bajuta ba mmatla mo modirong ba re: “O kae?”
12Ga nna ngongorego e kgolo mo matshutitshuting a batho ka ga gagwe; bangwe ba re: “Ke motho yo o molemo,” ba bangwe ba re: “Nnyaa, o timetsa batho.” 13Le fa go ntse jalo ga bo go se na motho ope yo o buang ka ga gagwe mo ponong, ka go boifa Bajuta.
14E rile jaana go setse go le fa gare ga modiro, Jesu a tlhatlogela kwa tempeleng, mme a ruta. 15Foo Bajuta ba gakgamala ba re: “Ana motho yo o itse jang dikwalo, ka a se ka a ithuta gope?”
16Jesu a ba fetola a re: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng. 17Fa motho le fa e le mang a rata go dira go rata ga gagwe, o tlaa itse ka ga thuto, gore a e tswa mo Modimong, kgotsa ke ipuisa fela. 18Yo o ipuisang fela, o senka go ikgalaletsa, mme yo o senkang go galaletsa yo o mo romileng, mme ke ene wa boammaaruri, ga go na tshiamololo epe mo go ene. 19A Moše ga a a lo naya molao, le fa go ntse jalo go bo go se ope wa lona yo o dirang molao? Lo senkelang go mpolaya?”
20Batho ba bantsi ba mo fetola ba re: “O na le diabolo; e mang yo o senkang go go bolaya?”
21Jesu a ba fetola a re: “Ke dirile tiro nngwe, mme lwa gakgamala lotlhe. 22 Moše o lo neile bogwera ka ntlha ya gone mo – e se gore bo tswa mo go Moše, mme bo tswa mo go borara – mme lo tle lo rupise motho go le Sabata. 23 Mme fa motho a rupisiwa go le Sabata, gore molao wa ga Moše o se ka wa tlolwa; a lo bogale le nna, ka gobo motho ke mo fodiseditse ruri go le Sabata? 24Se atlholeng ka fa ponong ya matlho, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”
A yo ke ene Keresete?
25Ke gone bangwe ba Jerusalema ba re: “A ga se ene yo ba mo senkang go mmolaya? 26Bonang, o bua mo ponong, mme ga ba mo reye sepe. A ruri balaodi ba a itse fa yo e le Keresete? 27Le fa go ntse jalo monna yo re a mo itse kwa o tswang teng; mogang Keresete o tlang, go tlaa bo go sa itse ope kwa o tswang teng.”
28Foo Jesu a buela godimo mo tempeleng, a ruta a re: “Go le nna lo a nkitse, le kwa ke tswang teng, lo a go itse; mme ga ke a itere, mme yo o nthomileng o ammaaruri, yo lo sa mo itseng. 29Nna ke a mo itse; gonne ke tswa kwa go ene, mme o nthomile.” 30Foo ba senka go mo tshwara; mme go se ka ga dira le ope yo o mo tsenyang diatla, ka lobaka lwa gagwe lo ne lo ise lo tle. 31Mme mo bontsing jwa batho ba le bantsi, ba mo dumela; ba re: “Mogang Keresete o tlang, a o tlaa dira ditshupo tse di fetang tse monna yo o di dirileng?”
Maotlana a rongwa go ya go tshwara Jesu
32Bafarisai ba utlwa jaaka batho ba bantsi ba sebetsanya dilo tse ka ga gagwe; mme ditlhogo tsa baperesiti le Bafarisai ba roma maotlana, gore ba ye go mo tshwara. 33Foo Jesu a re: “Ke sa na le lona ka lobakanyana, mme ke tloga ke ya kwa go yo o ntlhomileng. 34Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng.”
35Foo Bajuta ba raana ba re: “Ana monna yo o tlaa ya kae kwa re se ketlang re mo fitlhela teng? A o tlaa ya kwa Phalading e e kwa Bagerikeng, a ya go ruta Bagerika? 36Ana lefoko le ke eng, le o le buileng, a re: ‘Lo tlaa mpatla, mme ga lo ketla lo mphitlhela; le kwa ke teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng’?”
Dinoka tsa metsi a a tshedileng
37 Jaana ya re ka letsatsi la bofelo, e bong letsatsi le legolo la modiro, Jesu a ema, a buela godimo a re: “Fa mongwe a nyorilwe, a a tle mo go nna, a nwe. 38 Yo o dumelang mo go nna, dinoka tsa metsi a a tshedileng di tlaa ela di tswa mo mpeng ya gagwe, jaaka dikwalo di buile.” 39Golo mo, a go bua ka ga Mowa, o ba ba dumetseng mo go ene ba ne ba tlaa o amogela, gonne Mowa o ne o ise a abiwe, ka Jesu a ise a galalediwe.
Kgaogano fa gare ga batho
40Bangwe mo bontsing jwa batho ya re ba utlwa mafoko, a, ba re: “Ammaaruri, yo ke ene moperofeti.”
41Ba bangwe, ba re: “Yo ke Keresete.” Bangwe ba re: “Ao! A Keresete o tswa kwa Galilea? 42 A dikwalo ga di a re: Keresete o tswa mo losikeng lwa ga Dafite, le kwa Bethelehema, motsana o Dafite o neng a nna mo go one?” 43Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe. 44Bangwe ba rata go mo tshwara; mme go se ka ga nna ope yo o mo tsenyang diatla.
Go sa dumeleng ga baeteledipele ba Bajuta
45Foo maotlana a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le kwa Bafarisaing; mme ba ba raya ba re: “Lo ne lo sa tleleng nae?” 46Maotlana a ba fetola a re: “Ga go ise go ko go bue motho ope jaaka ene.”
47Foo Bafarisai ba a fetola ba re: “A le lona lo timeditswe? 48A bangwe ba balaodi, kgotsa ba Bafarisai, ba dumetse mo go ene? 49Batho ba ba bantsi ba ba sa itseng molao, ba hutsegile.”
50 Nikotemo – e bong ene yo o ne a ile kwa go Jesu gale, e le mongwe wa bone – a ba raya a re: 51“A molao wa rona o tle o sekise motho o ise o utlwe mo go ene pele, mme o itse se o se dirang.”
52Ba mo fetola ba re: “A le wena o wa Galilea? Botsisa, mme o bone fa go sa tswe moperofeti ope mo Galilea.” 53Mme mongwe le mongwe a ya kwa ga gagwe.

Currently Selected:

JOHANE 7: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy