YouVersion Logo
Search Icon

JOHANE 8

8
Mosadi yo o neng a tshwarwa mo boakeng
1Jesu a tswela kwa Thoteng ya Lotlhware. 2Ya re ka moso, ka maphakela, a ba a tla gape mo tempeleng, mme batho botlhe ba tla kwa go ene; mme a dula, a ba ruta. 3Mme bakwadi le Bafarisai ba tlisa mosadi yo o tshwerweng mo boakeng; ya re ba sena go mmaya fa gare, 4ba mo raya ba re: “Moruti, mosadi yo, o tshwerwe mo boakeng, fela mo go jone. 5 Jaana Moše o re laotse mo molaong, gore re kgobotletse yo o ntseng jalo ka maje, mme wena wa reng ka ga gagwe?” 6Mo ba go bua go mo leka gore ba bone ka fa ba ka mo nayang molato ka gone. Mme Jesu a inama, a kwala ka monwana mo mmung.
7Mme ya re ka ba fela ba ntse ba mmotsa, a inamologa, a ba raya a re: “Yo o se nang boleo mo go lona, a a mo kolope ka lentswe pele.” 8A ba a inama gape a kwala ka monwana mo mmung. 9Mme bone, ya re ba sena go utlwa jalo, ba tswa ka monokela, go simolola ka yo mogolo, go ya kwa go wa bofelo; mme Jesu a tlogelwa a le esi, le mosadi a ntse fa o neng a ntse teng fa gare. 10Jesu a inamologa a mo raya a re: “Mosadi, ba kae? A ga o a ka wa sekisiwa ke ope?”
11A re: “Ga go ope, Morena.” Jesu a re: “Le nna ga ke go sekise; tsamaya fela, mme o se ka wa tlhola o leofa.”
Jesu lesedi la lefatshe
12 Jesu a ba a bua nabo a re: “Ke nna lesedi la lefatshe; yo o ntshalang morago ga a ketla a tsamaya mo lefifing, mme o tlaa nna le lesedi la botshelo.”
13 Bafarisai ba mo raya ba re: “O supa ka ga gago; tshupo ya gago ga e ammaaruri.”
14Jesu a ba fetola a re: “Le fa ke supa ka ga me, tshupo ya me e ammaaruri; gonne ke a itse kwa ke tswang le kwa ke yang teng; lona ga lo itse kwa ke tswang le kwa ke yang teng. 15Lona lo atlhola ka fa nameng; nna ga ke atlhole ope. 16Ee, mme le fa ke atlhola, katlholo ya me e ammaaruri; gonne ga ke nosi, mme ke nna le Rara yo o nthomileng. 17 Ee, le mo molaong wa lona go kwadilwe ga twe: ‘Tshupo ya batho ba le babedi e ammaaruri.’ 18Ke nna ke supang ka ga me, mme le Rara yo o nthomileng o a ntshupa.”
19Ba mo raya ba re: “Rraago o kae?” Jesu a ba fetola a re: “Go le nna ga lo nkitse, le Rre ga lo mo itse; fa lo ka bo lo nkitse, Rre le ene lo ne lo tlaa mo itse.”
20Mafoko a, a a bua a le mo ntlong ya dikhumo, ka a ruta mo tempeleng; mme go se ka ga dira le motho ope yo o mo tshwarang, ka lobaka lwa gagwe lo no lo ise lo tle.
Kwa ke yang ga lo ka ke lwa fitlha teng
21Ke gone a ba a bua nabo gape a re: “Ke a tsamaya, mme lo tlaa mpatla, mme lo tlaa swela mo boleong jwa lona; kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng.”
22Bajuta ba re: “A o tlaa ipolaya, ka e le fa a re: ‘Kwa ke yang teng, ga lo ka ke lwa ya go fitlha teng’?”
23A ba raya a re: “Lona lo tswa kwa tlase; nna ke tswa kwa godimo; lona lo ba lefatshe leno; nna ga ke wa lefatshe leno. 24Ke gone ke lo reileng ka re: ‘Lo tlaa swela mo dibeng tsa lona;’ gonne fa lo sa dumele fa ke le ene, lo tlaa swela mo dibeng tsa lona.”
25Ba mo raya ba re: “O mang?” Jesu a ba raya a re: “Fela se ke sa leng ke se lo bolelela le mo tshimologong. 26Ke na le dilo di le dintsi go di bua, le go di atlhola ka ga lona; le fa go ntse jalo, yo o nthomileng o ammaaruri; mme dilo tse ke di utlwileng mo go ene, ke tsone tse ke di buang le lefatshe.”
27Ga ba a ka ba lemoga fa a bua nabo ka ga Rara. 28Foo Jesu a re: “E tlaa re lo sena go tlhatlosa Morwa Motho, ke gone lo tlaa itseng fa ke le ene; le gone lo tlaa itse fa ke sa dire sepe ka nosi, mme ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile. 29Yo o nthomileng ke nna nae; ga a a ntlogela ke le nosi; gonne ke dira ka metlha yotlhe dilo tse di mo kgatlhang.”
30Mme ya re a bua dilo tse fela, batho ba le bantsi ba dumela mo go ene.
Boammaaruri bo tlaa lo golola
31Jesu a raya Bajuta bao ba ba dumetseng mo go ene, a re: “Fa lo nna mo lefokong la me, foo lo bo lo le barutwa ba me ruri; 32lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”
33 Ba mo fetola ba re: “Re losika lwa ga Aberahame, mme ga re ise re ke re nne mo botlhankeng jwa ga ope gope; o bua jang, wa re: ‘Lo tlaa gololwa’?”
34Jesu a ba fetola a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, mongwe le mongwe yo o leofang ke motlhanka wa boleo. 35Motlhanka ga a nne mo ntlong ka bosakhutleng; Morwa ene, o nna ka bosakhutleng. 36Ke gone fa Morwa a tlaa lo golola, lo tlaa gololesegela ruri. 37Ke a itse fa lo le losika lwa ga Aberahame; le fa go ntse jalo lo senka go mpolaya, ka gobo lefoko la me le sa bone kgoro mo go lona. 38Ke bua dilo tse ke di bonyeng mo go Rre; le lona lo dira dilo tse lo di utlwileng mo go rraeno.”
39Ba mo fetola ba re: “Rraetsho ke Aberahame.” Jesu a ba raya a re: “Fa lo ne lo le bana ba ga Aberahame, lo ka bo lo dira ditiro tsa ga Aberahame. 40Jaanong lo senka go mpolaya, ke le motho yo ke lo boleletseng boammaaruri, jo ke bo utlwileng mo Modimong; golo mo Aberahame ga a ka a go dira. 41Lo dira ditiro tsa Rraeno.” Ba mo raya ba re: “Ga re a tsalelwa mo dikgoreng; Rraetsho o mongwe fela, e bong Modimo.”
42Jesu a ba raya a re: “Fa Modimo e ka bo e le Rraeno, lo ka bo lo nthata; gonne ke tsile ke tswa kwa Modimong; gonne le gone ga ke a tla ka ga me, mme one o nthomile. 43Ana ga lo tlhaloganyetseng puo ya me? Ke ka gobo lo sa ka ke lwa utlwa lefoko la me. 44Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira. Ene o sa le a nna mmolai le mo tshimologong, mme a se ka a ema mo boammaaruring, ka go ne go se na boammaaruri mo go ene. E re fa a bua maaka, o bua mo e leng ga gagwe, gonne ke moaki, le rra one maaka. 45Ga lo ntumele ka gobo ke bolela boammaaruri. 46Ke ofe wa lona yo o ka tlhomamisang boleo mo go nna? Fa ke bolela boammaaruri, ga lo ntumeleleng? 47Yo e leng wa Modimo o utlwa mafoko a Modimo; ke gone ka fa lo sa a utlweng ka gone, ka gobo lo se ba Modimo.”
Jesu o ipolela se a leng sone
48Bajuta ba mo fetola ba re: “A ga re bue sentle, fa re re: ‘O Mosamaria, mme o na le diabolo’?”
49Jesu a ba fetola a re: “Ga ke na diabolo, mme ke tlotla Rre; lona lo a ntlontlolola. 50Ga ke senke go ikgalaletsa; go na le mongwe yo o senkang, le yo o atlholang. 51Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, fa motho a tshegetsa lefoko la me, ga a ketla a bona loso gope.”
52Bajuta ba mo raya ba re: “Jaanong re a itse fa o na le diabolo. Aberahame o sule le baperofeti; mme wena wa re: ‘Fa motho a tshegetsa lefoko la me ga a ketla a utlwa loso gope.’ 53A o mogolo go feta rraetsho Aberahame yo o suleng? Le baperofeti ba sule; o itira mang?”
54Jesu a ba fetola a re: “Fa ke ikgalaletsa, kgalalelo ya me e bo e se sepe. Rre ke ene yo o nkgalaletsang; yo lona lo reng ke Modimo wa lona. 55Lona ga lo mo itse, mme nna ke a mo itse; fa nka bo ke re, ga ke mo itse, nka bo ke tshwana le lona, ka nna moaki, mme ke a mo itse, ke bile ke tshegeditse lefoko la gagwe. 56Rraeno Aberahame o ne a itumela go bona letsatsi la me; mme a le bona a leboga.”
57Bajuta ba mo raya ba re: “Ga o ise o nne dinyaga di le 50, mme a o bonye Aberahame?”
58Jesu a ba raya a re: “Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, pele Aberahame a ise a nne, nna ka bo ke ntse ke leyo.”
59Ba tsaya maje go mo kolopa ka one; mme Jesu a iphitlha, a tswa mo tempeleng (a ba ralala fa gare, mme a feta fela jalo).

Currently Selected:

JOHANE 8: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy