YouVersion Logo
Search Icon

SEFANIA 3

3
Katlholo le tsholofetso ya Jerusalema
1A bo go latlhega ene yo o serukhutlhi yo o itshekologileng, e bong motse o o patikang! 2Ga o a ka wa utlwa lentswe; ga o a ka wa amogela thuto; ga o a ka wa ikanya mo go Jehofa; ga o a ka wa atamela Modimo wa one. 3Dikgosana tsa one mo gare ga one ke ditau tse di dumang; baatlhodi ba one ke matlonkana a lotlatlana; ga a sadisetse moso sepe. 4Baperofeti ba one ke batho ba ba bofafalele ba bonongwana, baperesiti ba one ba tlhapaditse felo ga boitshepo, ba sokile molao. 5Jehofa o tshiamo mo gare ga one; ga a ketla a dira boikepo; o tle a ntshetse katlholo ya gagwe mo leseding ka meso le meso, ga a tlhaele; mme basiamolodi ga ba itse ditlhong.
6“Ke kgaotse merafe, dikago tsa yone tsa tlhabanelo tse di godileng di swafetse; ke kgakgabaditse mebila ya bone, go bo go se na ope yo o fetang; metse ya bone a sentswe, go bo go se na motho, go se na monni. 7Ke rile: O tlaa bo o mpoifa o tlaa amogela thuto; jalo bonno jwa one bo ne bo se ketla bo kgaolwa, ka fa go tsotlhe tse ke di o laoletseng; ba ne ba phakela ba senya ditiro tsotlhe tsa bone.
8“Ke gone, ntetang,” go bua Jehofa, “go tsamaya letsatsi le fitlha le ke tlaa nanogelang thopo ka lone; gonne boikaelelo jwa me ke go phutha merafe, gore ke kokoanye magosi, go tla ke gorometsa tšhakgalo ya me mo go one, e bong bogale jwa me jotlhe jo bo fisang; gonne lefatshe lotlhe le tlaa lailwa ke molelo wa lefufa la me.
9“Gonne foo ke tlaa fetolela ditšhaba puo e e itshekileng, gore ba bitse leina la ga Jehofa, go tla ba mo direla ka tumalano e le ngwe fela. 10Barapedi ba me, e bong morwadia bafaladi ba me, ba tlaa lere tshupelo ya me, ba tswa kwa moseja ga dinoka tsa Ethiopia.
11“E tlaa re mo motlheng oo ga o ketla o tlhajwa ke ditlhong ka ditiro tsotlhe tsa gago, tse o tlodileng fa pele ga me ka tsone; gonne foo ke tlaa tlosa mo gare ga gago babelafadi ba gago ba ba gwantang, mme ga o ketla o tlhola o nna boikgodiso mo thabeng ya me e e boitshepo. 12Ke tlaa tlogela mo gare ga gago batho bangwe ba ba patikegileng, le ba ba humanegileng, mme ba tlaa ikanya leina la ga Jehofa. 13 Masalela a Iseraele ga a ketla a dira boikepo, le fa e le go bua maaka, loleme lo lo tsietsang ga lo ketla lo fitlhelwa mo melomong ya bone; gonne ba tlaa ja ba robala, mme ga go na ope yo o tlaa ba boifisang.”
Sefela sa boitumelo
14Opela, wena morwadia Sione;
thela lošalaba, wena Iseraele;
o ipele o itumele ka pelo yotlhe
wena morwadia Jerusalema.
15Jehofa o tlositse
ditshekiso tsa gago;
o lelekile mmaba wa gago;
kgosi ya Iseraele, e bong Jehofa
o mo gare ga gago;
ga o ketla o tlhola o boifa bosula.
16Mo motlheng oo
go tlaa rewa Jerusalema go twe:
“O se ka wa boifa, wena Sione,
a diatla tsa gago di se repe.
17Jehofa Modimo wa gago
o mo gare ga gago,
e le mothata yo o tlaa bolokang;
o tlaa go itumelela ka boitumelo,
o tlaa ritibala
mo loratong lwa gagwe,
o tlaa go dudueletsa ka kopelo.”
18“Ke tla phutha
ba ba hutsafalelang
phuthego e e masisi,
ba e neng e le ba gago;
ba mokgweleo o o mo go ene
e neng e le kgobo mo go bone.
19Bonang,
e tlaa re ka motlha oo
ke tlaa tsena mo mafokong
a botlhe ba ba go patikang;
mme ke tlaa phutha ene
yo o ne a lelekilwe;
ke tlaa ba dira pako le leina,
e bong bone ba ditlhong tsa bone
di ntseng di le mo lefatsheng
lotlhe.
20Mo motlheng oo
ke tlaa lo lere mo teng,
mo motlheng oo ke tlaa lo phutha;
gonne ke tlaa lo dira leina la pako
mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe,
mogang ke lo busang
mo botshwarong
fa pele ga matlho a lona,”
go bua Jehofa.

Currently Selected:

SEFANIA 3: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy