YouVersion Logo
Search Icon

RUTHE 4

4
Boase o nyala Ruthe
1Boase a ya kgotleng a dula gone. Mme bonang, monna wa losika yo o gaufi, yo Boase o ne a buile ka ga gagwe, a tla gone. A mo raya a re: “He, wena semangmang, fapoga, o tle go dula fa.” A fapoga, a dula. 2A tsaya banna ba le some ba bagolwane ba motse a re: “Dulang fa”; mme ba dula. 3A raya monna wa losika yo o gaufi ka go tsalwa a re: “Naomi, yo o bileng a tsile a tswa kwa lefatsheng la Moabe, o rekisa sebata sa lefatshe se e neng e le sa ngwanaa rra rona Elimeleke. 4Ke gopotse go go loma tsebe ke re: A ko o se reke fa pele ga bone ba ba dutseng fa, le fa pele ga bagolwane ba batho ba gaetsho. Fa o rata go se rekolola o se rekolole; fa o gana go se rekolola, foo o mpolelele, gore ke tle ke itse; gonne ga go na ope yo o ka se rekololang kwa ntle ga gago; nna ke tla morago ga gago.” Mme a re: “Ke tla se rekolola.”
5Foo Boase a re: “Tsatsing le o rekang lotlhagare mo seatleng sa ga Naomi, o na le go se reka le mo go Ruthe wa Momoabe, mosadi wa moswi, go tsosa leina la moswi mo bosweng jwa gagwe.”
6Monna wa losika yo o gaufi, a re: “Ga nkake ka se ithekololela, nka tla ka senya jo e leng boswa jwa me; o itseele tshiamo ya me ya go rekolola; gonne nna ga nkake ka se rekolola.”
7 Gale mo Iseraele, mokgwa wa go rekolola le wa go ananya, go tlhomamisa dilo tsotlhe, e ne e le o: Motho o ne a tle a role setlhako, mme a se neye wa ga gabo; e ne e le one mokgwa wa go tlhomamisa mo Israele.
8Monna wa losika yo o gaufi a raya Boase, a re: “A ko o se ithekele.” Mme a rola setlhako. 9Boase a raya bagolwane, le batho botlhe, a re: “Lo basupi gompieno, fa ke rekile gotlhe mo e neng e le ga Elimeleke, le gotlhe mo e ne e le ga Kilione, le ga Mahelone, mo seatleng sa ga Naomi. 10 Gape Ruthe wa Momoabe, mosadi wa ga Mahelone, ke mo rekile gore a tle a nne mosadi wa me, go tsosa leina la moswi mo bosweng jwa gagwe, gore leina la moswi le se ka la kgaolwa la tswa mo baneng ba ga rraagwe, le mo kgotleng ya felo ga gagwe; lo basupi gompieno.”
11 Batho botlhe ba ba mo kgotleng le bagolwane botlhe ba re: “Re basupi, mosadi yo o tsileng mo ntlong ya gago, a Jehofa a mo dire jaaka Ragele le jaaka Lea, ba e leng bone ba agileng ntlo ya Iseraele ka bobedi jwa bone; o dire mo go tshwanetseng mo Eferatha, o bo o nne motho yo o itsegeng mo Bethelehema. 12 A ntlo ya gago e tshwane le ntlo ya ga Perese yo Tamare o ne a mmona le Juta, wa losika lo Jehofa o tlaa lo go nayang ka morweetsana yo.”
Boase le dikokomana tsa gagwe
13Jalo Boase a tsaya Ruthe a nna mosadi wa gagwe, mme a tsena kwa go ene; Jehofa a mo naya boimana, a bona ngwana wa mosimane. 14Basadi ba raya Naomi ba re: “A go bakweng Jehofa, yo o sa go tlogelang gompieno o se na monna wa losika yo o gaufi ka go tsalwa, a leina la gagwe le itsege mo Iseraele. 15O tlaa nna mo go wena morudisi wa botshelo, le mootli wa botsofe jwa gago; gonne ngwetsi wa gago, yo o go ratang, yo o molemo mo go wena bogolo go bana ba basimane basupa, o mmelege.” 16Naomi a tsaya ngwana, a mmaya mo sehubeng sa gagwe, a nna mmelegi wa gagwe.
17Basadi ba ga gabo ba mo raya leina ba re: “Naomi o tsaletswe ngwana wa mosimane”; ba mo raya leina ba re, Obete; ke ene rraagwe Jese rraagwe Dafite.
18Tse ke dikokomana tsa ga Perese: 19Perese a tsala Heserone; Heserone a tsala Rame, Rame a tsala Aminatabe; 20Aminatabe a tsala Našone, Našone a tsala Salemone; 21Salemone a tsala Boase, Boase a tsala Obete; 22Obete a tsala Jese, mme Jese a tsala Dafite.

Currently Selected:

RUTHE 4: TSW08NO

Highlight

Share

Copy

None

Want to have your highlights saved across all your devices? Sign up or sign in

YouVersion uses cookies to personalize your experience. By using our website, you accept our use of cookies as described in our Privacy Policy